LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yb16 ts. 101
  • O ne A Rata Boammaaruri

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ne A Rata Boammaaruri
  • Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2016
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baagelani ba ba Molemo ke Batho ba Botlhokwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Go Ikanyega mo Modimong ka Dingwaga Tse di Fetang 70
    Tsogang!—2009
  • Ke Ile Ka Tshela Botshelo jo bo Kgotsofatsang Thata
    Tsogang!—2011
  • Diketapele Tsa go Dirisiwa mo Bodiheding jwa Tshimo
    Go Fetolana ka Dikwalo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2016
yb16 ts. 101

INDONESIA

O ne A Rata Boammaaruri

Thio Seng Bie

  • O TSHOTSWE KA 1906

  • O KOLOBEDITSWE KA 1937

  • DINTLHA KA GA GAGWE E ne e le mogolwane yo o ikanyegang yo o neng a itshokela dintwa tsa semorafe.—Pego ka morwadie e bong Thio Sioe Nio.

Thio Seng Bie

KA May 1963, go ne ga tsoga dikhuduego tsa go tlhasela Ba-China mo Java Bophirima. Toropo e e neng e amegile thata e ne e le ya Sukabumi, kwa kgwebo ya rona ya diteraka e neng e le gone. Batho ba le makgolokgolo, go akaretsa le baagisani ba rona ba ne ba thuba kwa gae. Re ne re ba lebile fela ka letshogo fa ba ntse ba re senyetsa e bile ba re tseela dithoto.

Fa segongwana seno se sena go tsamaya, baagisani ba bangwe ba ne ba tla go re gomotsa. Rre o ne a ya go nama maoto fa fatshe le bone ka go ne go se na ditulo. O ne a fitlhela Baebele ya gagwe e tona ya Se-Sunda mo dithotong tsa rona tse di sentsweng. O ne a e bula a bo a bolelela baagisani gore Baebele ga e bolo go porofeta ka mathata ano. A bo a tlhalosa ka tsholofelo e re nang le yone ya Bogosi.

Rre ga a ise a ko a tsamaye a tlhome mogopolo mo go ipolokeleng matlotlo mo lefatsheng. O ne a re gakolola ka metlha go re: “Dilo tsa ga Jehofa di tshwanetse go tla pele!” Ka ntlha ya sekao sa gagwe, Mmè, bana ba bone ba barataro, rremogolo wa dingwaga di le 90 le bontsi jwa ba masika le baagelani ba ne ba amogela boammaaruri.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela