LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yb14 ts. 112-113
  • Mekgatlho ya Sephiri

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mekgatlho ya Sephiri
  • Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2014
Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2014
yb14 ts. 112-113

SIERRA LEONE LE GUINEA

Mekgatlho ya Sephiri

MEKGATLHO ya sephiri e aname go ralala Afrika Bophirima mme e na le batho ba ba tswang mo merafeng, mo ditsong le mo dipuong tse di farologaneng. Mekgatlho eno e laola se maloko a yone a se dirang mo setšhabeng, mo go tsa thuto le mo go tsa dipolotiki. Le fa go ntse jalo, totatota ke mekgatlho ya bodumedi. Mekgatlho e mebedi e megolo go gaisa yotlhe ya sephiri ke wa Ba-Poro (wa banna) le wa Ba-Sande (wa basadi).a Ka sekai, mokgatlho wa Ba-Poro o leka “go laola meya le go tlhomamisa gore tlhotlheletso ya yone mo bathong e mosola.”—Initiation, 1986.

Batho ba e leng maloko a masha a mokgatlho wa Ba-Poro ba rutiwa diphiri tsa go dirisana le meya le maatla a boloi mme ba dirwa matshwao a meetlo mo mebeleng. Basadi ba ba sa tswang go nna maloko a mokgatlho wa Ba-Sande le bone ba ithuta meetlo ya meya, e bile gantsi ba segwa dirwe tsa tsalo, le fa gone moetlo ono o sa tlhole o dirwa kwa mafelong a mangwe.

Mekgatlho e mengwe ya sephiri e laola gore batho ba itshware jang mo go tsa tlhakanelodikobo e bile e dirisa kalafi ya meya go leka go fodisa botsenwa kgotsa malwetse a mangwe. Ka nako ya ntwa ya selegae kwa Sierra Leone, mongwe wa mekgatlho ya sephiri o ne o bolela gore maloko a one a ka se bolawe ke marumo a tlhobolo. Mme go ne go sa nna jalo.

Maloko a ilediwa go bolelela batho ba ba seng mo mekgatlhong eno ka meetlo ya yone le dilo tse di dirwang mo go yone. Motho yo o sa ikobeleng melao le ditaelo tsa mokgatlho wa sephiri a ka bolawa.

a Kwa mafelong a mangwe mokgatlho wa Sande o bidiwa Bondo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela