Sierra Leone le Guinea
DINGWAGA di ka nna 500 tse di fetileng, gaufi le molomo wa Noka ya Sierra Leone, go ne ga tlhoga setlhatshana sa silk-cotton. Go ne ga feta dingwaga tse 300 setlhare seno se ntse se gola se nna seleele mme go ne go feta mokoloko o o utlwisang botlhoko fa thoko ga sone. Batho ba ba setlhogo ba ba rekisang makgoba ba ne ba romela banna, basadi le bana ba ka nna 150 000 ka sekepe kwa dinageng tse di kwa moseja go ya go ba rekisa e le makgoba.
Setlhare se se itsegeng sa Cotton Tree kwa Freetown
Ka Mopitlwe 11, 1792, makgoba a le makgolokgolo a a golotsweng go tswa kwa Amerika a ne a phuthega ka fa tlase ga setlhare sa Cotton Tree go keteka go busediwa ga bone Afrika. Mo letsatsing leo ba ne ba thaya motse o o neng o tshwantshetsa tsholofelo ya bone e kgolo—Freetown (Toropo ya Kgololesego). Makgoba a a golotsweng a ne a nna a goroga go fitlha motse oo o nna le ditlhopha tse di farologaneng tsa Baafrika di feta 100. Baagi bano ba basha ba ne ba simolola go tsaya Cotton Tree e le letshwao la kgololesego le tsholofelo.
Mo e ka nnang ka dingwaga di le 100, Basupi ba ga Jehofa kwa Sierra Leone ba ntse ba gomotsa baagelani ba bone ka tsholofelo ya kgololesego e kgolo go di gaisa—“kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.” (Bar. 8:21) Kgololesego eno e tla dira gore batho ba gololwe mo bokgobeng jwa boleo le loso fa Bogosi jwa Modimo ka Mesia bo tlisa kagiso le Paradaise mo lefatsheng.—Isa. 9:6, 7; 11:6-9.
Mo dingwageng di le 50 tse di fetileng, ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Sierra Leone e ntse e tlhokometse tiro ya go rera le kwa Guinea. Naga eno ya boagelani e ile ya nna le mathata a dipolotiki, a loago le a ikonomi mme seo se ile sa tlhotlheletsa baagi ba le bantsi ba koo gore ba amogele molaetsa o o kgothatsang wa Baebele.
Basupi ba ga Jehofa kwa Sierra Leone le Guinea ba ile ba bolela dikgang tse di molemo le fa ba ne ba lebane le dikgoreletsi tse dintsintsi. Mme tsone di akaretsa khumanego e e feteletseng, go sa itse go bala le go kwala ga batho ba bantsi, go nwelela mo meetlong ya setso, dikgotlhang tsa semorafe le thubakanyo e ntsi. Pego e e latelang e bontsha tumelo e e sa reketleng le boineelo jwa batlhanka bano ba ba ikanyegang ba ga Jehofa. Re solofela gore kgang ya bone e tla go ama e bo e nonotshe tumelo ya gago mo ‘Modimong yo o nayang tsholofelo.’—Bar. 15:13.