POROJEKE YA GO ITHUTA
Tshepa Gore Jehofa o Tla go Sireletsa
Bala Dipalo 13:25–14:4 e e bontshang gore Baiseraele ba ne ba sa tshepe Jehofa.
Akanyetsa kwa teng ka se go buiwang ka sone. Goreng Baiseraele ba ne ba tshwanetse go dumela gore Jehofa o na le maatla a go ba sireletsa fa ba ne ba tswa kwa Egepeto? (Pes. 78:12-16, 43-53) Ke eng se se dirileng gore ba se ka ba tlhola ba tshepa Jehofa? (Dute. 1:26-28) Joshua le Kalebe ba ile ba bontsha jang gore ba tshepa Jehofa?—Dipa. 14:6-9.
Dira dipatlisiso. Baiseraele ba ka bo ba ile ba dira eng gore ba tshepe Jehofa le go feta? (Pes. 9:10; 22:4; 78:11) Go tshepa Jehofa go amana jang le go mo tlotla?—Dipa. 14:11.
O ithuta eng? Ipotse dipotso tseno:
‘Ke maemo afe a a ka dirang gore go nne thata gore ke tshepe Jehofa?’
‘Ke eng se nka se dirang gore ke tshepe Jehofa le go feta gone jaanong le mo nakong e e tlang?’
‘Fa pitlagano e kgolo e ntse e atamela, ke eng se nka tlhatswegang pelo ka sone?’—Luke 21:25-28.