A o Ne o Itse?
Baperesiti ba ne ba dira eng ka madi a diphologolo tse ba neng ba di ntsha ditlhabelo kwa tempeleng e e kwa Jerusalema?
NGWAGA le ngwaga baperesiti ba kwa Iseraele wa bogologolo ba ne ba ntsha ditlhabelo di le dintsi tsa diphologolo kwa sebesong. Moitsehisitori mongwe wa Mojuda yo o bidiwang Josephus, a re ka letsatsi la Tlolaganyo go ne go ntshiwa ditlhabelo tsa dikwanyana di feta 250 000, mme seo se ne se dira gore go tshololwe madi a mantsi. (Lefi. 1:10, 11; Dipa. 28:16, 19) Go ne go dirwa eng ka madi ao?
Fa baithutamarope ba ne ba epolola go dikologa tempele ya ga Herode e e ileng ya dirisiwa go fitlha e senngwa ka 70 C.E., ba ile ba fitlhela mosele o o neng o tsamaisa leswe. Go lebega mosele oo o ne o ntsha madi a diphologolo kwa tempeleng e e neng e le mo thabeng.
A re tlotleng ka dilo tse pedi tse di neng di thusa gore sebeso se nne phepa:
Mesima e e neng e epilwe ka fa tlase ga sebeso: Buka nngwe ya bogologolo ya melao le dingwao tsa Bajuda e e neng ya kwalwa morago ga ngwaga wa 200 C.E. e e bidiwang Mishnah, e tlhalosa sengwe ka mosele o o neng o tsamaisa leswe kwa tempeleng. E a re: “Ka fa borwabophirima jwa khona ya sebeso go ne go na le mesima e mebedi . . . e madi a ditlhabelo tse di neng di ntshiwa le metsi a a neng a dirisiwa go phepafatsa sebeso a neng a kopana a bo a tsena mo go yone, go tswa foo a bo a tsamaya ka mosele a ya kwa molatswaneng wa Kiderone.”
Baithutamarope ba bosheng ba lemogile gore go ne go na le “mesima” e e neng e tsamaisa leswe kwa tempeleng. Buka ya The Cambridge History of Judaism e ile ya re go ile ga bonwa “mosele o o tsamaisang leswe” gaufi le tempele. Gape e a re: “O ka tswa o ne o dirisediwa go tsamaisa metsi a a tlhakaneng le madi a ditlhabelo a a neng a tswa kwa Tempeleng.”
Go ne go na le metsi a le mantsi: Baperesiti ba ne ba tlhoka metsi a le mantsi go phepafatsa ka fa tlase ga sebeso le go thusa gore madi a kgone go tsamaya mo moseleng. Gore baperesiti ba kgone go dira tiro eno ya botlhokwa, ba ne ba nna ba na le metsi a a phepa a a neng a tswa kwa motseng. Metsi ao a ne a tsena ka mesele e bile go ne go na le dikhuti tsa go bolokela metsi le megobe. Moithutamarope mongwe yo o bidiwang Joseph Patrich o ile a re: “Go lebega go ne go se na tempele epe e e tshwanang le eo e e neng e na le thulaganyo ya go tsenya metsi a a phepa le go ntsha a a leswe ka nako eo.