KAKANTSHO YA GO ITHUTA
Se o Ka se Dirang Pele o Simolola go Ithuta
Fa re ithuta Baebele, re batla gore se re se ithutang se re ame pelo. Esera o re tlhometse sekao se sentle mo kgannyeng eno. O ne a ‘baakanya pelo ya gagwe gore a ithute Molao wa ga Jehofa.’ (Esera 7:10) O ka mo etsa jang?
Rapela. Pele o simolola go ithuta, rapela. Kopa Jehofa gore a go thuse go tlhaloganya se o se ithutang le gore o se dirise.—Pes. 119:18, 34.
Nna boikokobetso. Batho bangwe ba a ikgogomosa e bile ba akanya gore ga ba tlhoke Jehofa gore a ba thuse go tlhaloganya Baebele. Jehofa o fitlhela batho ba ba ntseng jalo boammaaruri. (Luke 10:21) O se ka wa dira dipatlisiso fela gore o kgatlhe batho ba bangwe. Fa o lemoga gore o tshwanetse go dira diphetogo dingwe, ikokobetse mme o dire jalo.
Reetsa nngwe ya dipina tsa rona. Mmino o ama maikutlo. Ka jalo, fa re reetsa pina nngwe pele re ithuta, seo se ka re thusa go tlhoma mogopolo gore se re se ithutang se re ame pelo.