Makasine o o Ithutiwang
FEBRUARY 2
DITLHOGO TSE DI ITHUTIWANG KA: APRIL 6–MAY 3, 2020
© 2019 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
Kgatiso eno ga e rekisiwe. Ke karolo ya tiro e e dirwang mo lefatsheng lotlhe ya go ruta batho Baebele mme e tshegediwa ka meneelo e e ntshiwang ka go rata. Fa o batla go ntsha moneelo, tsena mo donate.jw.org.
Dinopolo tsa Dikwalo tse di mo kgatisong eno, di tswa mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo, kwantle ga fa go supilwe ka tsela nngwe.
SETSHWANTSHO SA KHABARA:
Mosha mongwe wa Moiseraele o bolelela Moshe le Joshua gore banna bangwe ba babedi ba itshwara jaaka baporofeti. Joshua o kopa Moshe gore a ba kgalemele mme Moshe o a gana. Go na le moo, o tlhalosa gore o itumelela gore Jehofa o neile banna bao moya wa Gagwe. (Bona setlhogo se se ithutiwang 8, serapa 10)