APRIL 14-20
DIANE 9
Pina 56 le Thapelo | Matseno (1 mots.)
1. Nna Motho yo o Botlhale e Seng Mosotli
(10 mets.)
Mosotli ga a amogele kgakololo, go na le moo o galefela motho yo o mo gakololang (Dia 9:7, 8a; w22.02 9 ¶4)
Motho yo o botlhale o anaanela kgakololo le motho yo o mo nayang yone (Dia 9:8b, 9; w22.02 12 ¶12-14; w01 5/15 30 ¶1-2)
Motho yo o botlhale o tlile go solegelwa molemo, mme mosotli o tlile go boga (Dia 9:12; w01 5/15 30 ¶5)
2. Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(10 mets.)
Dia 9:17—“Metsi a a utswilweng” ke eng, mme goreng a le “monate”? (w06 9/15 17 ¶5)
Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke dintlha dife tse o ka ratang go tlotla ka tsone?
3. Mmalo wa Baebele
(4 mets.) Dia 9:1-18 (th thuto 5)
4. Fa o Dira Maeto a go Boela
(4 mets.) GO RERA KA NTLO LE NTLO. Motho yoo o ile a tla Segopotsong. (lmd thuto 8 ntlha 3)
5. Fa o Dira Maeto a go Boela
(4 mets.) GO RERA PHATLALATSA. Mo nakong e e fetileng o ile wa mo thusa go bona lefelo le Segopotso se tshwarelwang kwa go lone. (lmd thuto 7 ntlha 4)
6. Fa o Dira Maeto a go Boela
(4 mets.) GO RERA O SE MO BODIREDING. Mo nakong e e fetileng o ile wa thusa mongwe wa losika go bona lefelo le Segopotso se tla tshwarelwang kwa go lone. (lmd thuto 8 ntlha 4)
Pina 84
7. A Ditshiamelo ke Maemo?
(15 mets.) Motlotlo.
Tshameka BIDIO. Go tswa foo, botsa bareetsi dipotso tse di latelang:
Lefoko “ditshiamelo” le kaya eng?
Ba ba nang le ditshiamelo mo phuthegong ba tshwanetse go iteba jang?
Ke eng fa go direla ba bangwe go le botlhokwa thata go feta ditshiamelo tse re nang le tsone?
8. Thuto ya Baebele ya Phuthego
(30 mets.) bt kgao. 25 ser. 5-7, lebokoso le le mo ts. 200