BOTSHELO JWA BOKERESETE
Ditshwetso Tse di Bontshang Gore re Ikaega ka Jehofa
Letsatsi le letsatsi re tlhoka go dira ditshwetso. Gantsi batho ba dira ditshwetso go ya ka se ba batlang go se dira, kgotsa ba dira se mongwe le mongwe a se dirang. (Ek 23:2; Dia 28:26) Ka fa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba ikaegang ka Jehofa ba dirisa melaometheo ya Baebele go dira ditshwetso.—Dia 3:5, 6.
Mo ditemaneng tse di latelang, kwala gore temana nngwe le nngwe e ka go thusa jang go dira tshwetso e e molemo mo seemong se se rileng.
LEBANG BIDIO YA ETSA BA BA NANG LE TUMELO, E SENG BA BA SE NANG TUMELO—MOSHE, E SENG FARO, LO BO LO ARABA POTSO E E LATELANG:
Sekao sengwe se se tswang mo Baebeleng se ile sa thusa mokaulengwe mongwe jang go dira tshwetso e e siameng?