LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb23 March ts. 3
  • O ka Thusa Jang Morago ga Masetlapelo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Thusa Jang Morago ga Masetlapelo?
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Basupi ba ga Jehofa ba Thusa ka Dilwana Tsa Namolo ka Nako ya Dikotsi Tsa Masetlapelo?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Bodiredi Jwa Namolo
    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
  • Tiro ya Namolo ka 2023—“Re Iponela ka Matlho Gore Eleruri Jehofa O a Re Rata”
    Kafa Meneelo e Dirisiwang ka Gone
  • Re ka Thusa Jang?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
mwb23 March ts. 3

BOTSHELO JWA BOKERESETE

O ka Thusa Jang Morago ga Masetlapelo?

Masetlapelo a tlholego ke sengwe se se tlwaelegileng gompieno. Fa go na le masetlapelo a tlholego go tshwanetse ga rulaganngwa sentle gore batho ba tla thusiwa jang. Seno se dirile gore Setlhopha se se Laolang se rulaganye gore go nne le Lefapha la Thuso ya Namolo mo diofising tsa makala tse di farologaneng.

Fa bakaulengwe ba ba direlang mo lefapheng leno ba utlwa gore go na le masetlapelo, ba ikgolaganya le bagolwane ba lefelo leo ka yone nako eo, go utlwa gore baboledi ba tla tlhoka eng. Fa e le gore masetlapelo a sentse mo e leng gore baboledi ga ba kgone go dira sepe, lekala le tla romela bakaulengwe ba ba tshwanelegang gore ba etelele pele mo tirong eo. Bakaulengwe bano ba ka kopa gore go nne le baithaopi ba ba ka thusang kgotsa gore batho ba ntshe meneelo ya dilo tse di tlhokegang. Gape ba ka reka dilo tse di tlhokegang ba bo ba di naya baboledi.

Go dira dilo ka tsela eno e e rulaganeng sentle go a thusa. Ka gonne go ka se boaboelediwe tiro e e setseng e dirilwe, ga baka tlhakatlhakano, ga senngwa ka meneelo le dilo tse di setseng di rekilwe, e re ka seno se ka direga fa bakaulengwe ba itirela dithulaganyo tsa bone tsa go thusa ba bangwe.

Bakaulengwe ba ba neilweng maikarabelo ano, ke bone ba ba tla bonang gore go tlhokega madi a a kanakang le gore go tlhokega batho ba ba kae ba ba ka thusang mo tirong eno. Gape ba ka dirisana le badiredipuso ba ba ka thusang gore tiro ya namolo e tsamaye ka bonako. Ka jalo, o se ka wa itirela dithulaganyo tsa go tsaya meneelo, go romela dilo tse batho ba bangwe ba di tlhokang kgotsa wa ya kwa lefelong leo, ntle le fa o kopilwe go dira jalo.

Gone fa go na le masetlapelo re batla go thusa. (Bah 13:16) Re rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona! Ka jalo, re ka ba thusa jang? Sa botlhokwa le go feta, re ka rapelela botlhe ba ba diragaletsweng ke masetlapelo le ba ba ba thusang. Gape re ka ntshetsa tiro ya lefatshe lotlhe moneelo. Go ya ka taelo ya Setlhopha se se Laolang, diofisi tsa makala ke tsone tse di itseng gore meneelo e ka dirisetswa eng. Fa e le gore o batla go thusa, o ka tlatsa foromo ya Local Design/Construction Volunteer Application (DC-50).

LEBANG BIDIO YA MORWALELA O O SENTSENG KWA BRAZIL, LO BO LO ARABA POTSO E E LATELANG:

Tiragalo go tswa mo bidiong ya “Morwalela o o Sentseng Kwa Brazil.” Setshwantsho sa matlo le ditlhare tse di khurumeditsweng ke metsi.

Ke eng se se go kgatlhileng ka tiro ya namolo e Basupi ba ga Jehofa ba ileng ba e dira fa go ne go na le morwalela kwa Brazil ka 2020?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela