LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb23 January ts. 5
  • Nonotsha Tumelo ya Gago mo Lefokong la Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nonotsha Tumelo ya Gago mo Lefokong la Modimo
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditshwetso Tse di Bontshang Gore re Ikaega ka Jehofa
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Kafa go Bala Baebele go re Dirang Botlhale ka Gone
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Tswelela o Ikanyega fa o Lebana le Diteko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
  • Batla Dikarabo Tsa Dipotso Tseno
    Thulaganyo ya Kopano ya Potologo ya 2025-2026 ka Molebedi wa Potologo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
mwb23 January ts. 5
Ditshwantsho: Kgaitsadi yo o mosha o bala Baebele. 1. O dira lenaane la batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng. 2. O bala Baebele ya “Thanolo ya Lefatshe le Lesha” mo jw.org. 3. O leba mmapa o o bontshang mafelo a go buiwang ka one mo Baebeleng. 4. O torowa moperesiti yo mogolo a bo a kwala dikarolo tse di farologaneng tsa seaparo sa gagwe.

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Nonotsha Tumelo ya Gago mo Lefokong la Modimo

Lefoko la Modimo le ka re thusa go dira diphetogo mo matshelong a rona. (Bah 4:12) Mme gone fa re batla gore Baebele e re kaele le go re gakolola, re tshwanetse go itlhatswa pelo gore ke “lefoko la Modimo.” (1Bt 2:13) Re ka nonotsha jang tumelo ya rona mo Baebeleng?

Bala Baebele letsatsi le letsatsi. Fa o ntse o e bala, batla bosupi jo bo bontshang gore Jehofa ke mokwadi wa yone. Ka sekai, sekaseka tshedimosetso e e mo bukeng ya Diane go bona kafa e go solegelang molemo ka gone gompieno.​—Dia 13:20; 14:30.

Simolola porojeke ya go ithuta. Sekaseka tshedimosetso e e bontshang gore Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo. Mo bukeng ya Kaedi ya go Dira Dipatlisiso ya Basupi ba ga Jehofa, ya kwa setlhogong se se reng “Baebele” o bo o batla setlhogwana se se reng, “E Tlhotlheleditswe ke Modimo.” Gape o ka sekaseka tshedimosetso e e mo karolong ya Dintlha Tse di Oketsegileng A3 mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha go inonotsha tumelo gore molaetsa o o mo Baebeleng ga o a fetolwa.

LEBANG BIDIO YA KE ENG FA RE DUMELA GORE . . . BAEBELE KE LEFOKO LA MODIMO?, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Tshedimosetso e e fitlhetsweng mo loboteng lwa tempele kwa Karnak kwa Egepeto e bontsha jang gore molaetsa wa Baebele o boammaaruri?

  • Re itse jang gore molaetsa o o mo Baebeleng ga o a fetoga?

  • Ke eng se se go tlhatswang pelo gore Baebele ke Lefoko la Modimo?​—Bala Isaia 40:8

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela