BOTSHELO JWA BOKERESETE
Bona Kafa Jehofa a Arabang Dithapelo Tsa Gago ka Gone
Baebele e na le dikai tsa dithapelo tse Jehofa a neng a di araba. Tumelo ya batlhanka ba ga Jehofa ba bogologolo e ne ya nonofa fa ba sena go lemoga gore o ne a ba reetsa fa ba ne ba mmolelela ka mathata a bone le gore o ne a ba thusa. Ka jalo, go botlhokwa gore fa re rapela, re bolelele Jehofa bothata jwa rona, re bo re leka go bona gore o araba thapelo ya rona jang. Gopola gore tsela e Jehofa a ka arabang thapelo ya gago ka gone e ka tswa e farologane kgotsa e feta se o neng o se kopile. (2Bk 12:7-9; Bae 3:20) Ke dilo dife tse Jehofa a ka di dirang go araba dithapelo tsa rona?
A ka re thusa go lebana le bothata ka go re naya maatla a go itshoka, ka go re naya kagiso ya mogopolo kgotsa ka go dirisa tumelo e re nang le yone.—Baf 4:13
A ka re naya botlhale jwa go dira ditshwetso tse di molemo.—Jak 1:5
A ka re naya keletso le maatla a go dira sengwe.—Baf 2:13
O tla re thusa go ritibala fa re tlhobaela.—Baf 4:6, 7
O tla re naya batho ba ba tla re thusang ka dilo tse re di tlhokang.—1Jo 3:17, 18
LEBANG BIDIO YA JEHOFA KE “MOUTLWI WA THAPELO”, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Sekao sa ga Mokaulengwe Shimizu se ka re thusa jang fa re kgobegile marapo ka gonne re sa kgone go direla Jehofa mo go oketsegileng ka ntlha ya bolwetse?
Re ka etsa jang sekao sa ga Mokaulengwe Shimizu?