E re ka Jehofa a re bontshitse gore o a re rata ka dilo tse a di bopileng, ga re belaele gore o tla re segofatsa fa re mo direla ka natla
BOTSHELO JWA BOKERESETE
Dilo Tse Jehofa a di Bopileng di Bontsha Jang Gore O a Re Rata?
Re ka nna ra tshwarega thata jaana mo re palelwang ke go akanya ka gore dilo tse Jehofa a di bopileng di bontsha jang gore o a re rata le gore o rata go aba. Mme Jesu o re kgothaletsa gore re iphe nako ya go leba dilo tse Jehofa a di bopileng re bo re akanya ka gore di re ruta eng ka Jehofa.—Mat 6:25, 26.
LEBANG BIDIO YA DILO TSE JEHOFA A DI BOPILENG TSE DI BONTSHANG GORE O A RE RATA, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Dilo tse di latelang di re bontsha jang gore Jehofa o a re rata:
di elemente tsa lefatshe?
loapi?
bojang?
tsela e diphologolo di dirilweng ka yone?
ditemosi?
boboko?