LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb21 March ts. 15
  • Tlhopha Ditsala Tsa Gago Sentle

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlhopha Ditsala Tsa Gago Sentle
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Ka Tshwana le Finease fa o Lebana le Dikgwetlho?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Motho a le Mongwe o Kgona go Thusa ba Bangwe
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Tlhopha Ditsala ka Botlhale
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Mafelo a go Tlotla mo Internet—Nka Tila Jang Dikotsi Tsa One?
    Tsogang!—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
mwb21 March ts. 15
Basadi ba Bamoabe ba laletsa banna ba Baiseraele gore ba tsamaye le bone.

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Tlhopha Ditsala Tsa Gago Sentle

Bakeresete ba ka ithuta mo go se se diragaletseng Baiseraele kwa mabaleng a a sekaka a Moabe. (1Bak 10:6, 8, 11) Baiseraele ba ba neng ba itsalanya le basadi ba Bamoabe ba ba sa itshwarang sentle e bile ba obamela medimo ya maaka, ba ile ba dira gore Baiseraele ba dire maleo a a masisi. Mme go ile ga nna le ditlamorago tse di botlhoko. (Dip 25:9) Re tshela le batho ba ba sa obameleng Jehofa jaaka batho ba re berekang le bone, ba re tsenang sekolo le bone, baagelani, ba masika le batho ba bangwe. Re ka ithuta eng mo pegong eno ya Baebele, ka dilo tse di ka re diragalelang fa re itsalanya le batho ba ba sa obameleng Jehofa?

LEBANG BIDIO YA DIKAI TSE DI RE TLHAGISANG MO MOTLHENG WA RONA—BIDIO E E KHUTSWAFADITSWENG, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Tiragalo ya mo bidiong ya ‘Dikai Tse di re Tlhagisang mo Motlheng wa Rona​—⁠Bidio e e Khutswafaditsweng.’ Simeri o bolelela Jamine le ba bangwe ka basadi ba Bamoabe.

    Simeri le ba bangwe ba ne ba dira gore Jamine a se ka a akanya sentle ka tsela efe?

  • Tiragalo ya mo bidiong ya ‘Dikai Tse di re Tlhagisang mo Motlheng wa Rona​—⁠Bidio e e Khutswafaditsweng.’ Finease o bua le Jamine.

    Finease o ne a thusa Jamine jang gore a akanye sentle?

  • A go na le pharologanyo fa gare ga go dirisana le motho yo o sa direleng Jehofa le go itsalanya le ene?

  • Goreng re tshwanetse go tlhopha ditsala ka kelotlhoko, tota le mo phuthegong?

  • Goreng re sa tshwanela go bua le batho ba re sa ba itseng mo Internet?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela