LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb21 January ts. 11
  • Tlhopha go Direla Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlhopha go Direla Jehofa
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kolobetso e Botlhokwa Thata
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Bakeresete ba Tshwanetse go Kolobediwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2018
  • Kolobetso e Kaya Eng, e Bile e Botlhokwa go le Kana Kang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
  • Go Tshwanelegela Kolobetso ya Bokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
mwb21 January ts. 11
Tsela e e tshwantshetsang go direla Jehofa. Go na le matshwao a a tshwantshetsang go ithuta Baebele, go ya dipokanong, go rera le go kolobediwa.

O tsamaya fa kae ka go kolobediwa?

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Tlhopha go Direla Jehofa

Fa e le gore o mosha e bile o mmoledi yo o sa kolobediwang kgotsa o ithuta Baebele, a o ipeetse mokgele wa go kolobediwa? Goreng o tshwanetse go kolobediwa? Go ineela le go kolobediwa go dira gore re nne le botsala jo bo kgethegileng le Jehofa. (Pes 91:1) Gape go tla dira gore re bolokiwe. (1Pe 3:21) O ka dira eng gore o ineele mo go Jehofa o bo o kolobediwe?

Nna le mabaka a a go tlhatswang pelo gore se o se dumelang ke boammaaruri. Fa o batla dikarabo tsa dipotso dingwe, dira dipatlisiso. (Bar 12:2) Itshekatsheke gore a o tlhoka go dira diphetogo dingwe. Mme fa o dira diphetogo, di dire ka gonne o batla go itumedisa Jehofa. (Dia 27:11; Bae 4:23, 24) Kopa Jehofa gore a go thuse ka metlha. Itse gore Jehofa o tla go nonotsha e bile o tla go tshegetsa a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo. (1Pe 5:10, 11) Matsapa a o a tsayang ga se a lefela. Fa re direla Jehofa re tla itumelela botshelo!—Pes 16:11.

LEBANG BIDIO YA GO IPAAKANYETSA GO KOLOBEDIWA LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Ke dikgwetlho dife tse bangwe ba ileng ba lebana le tsone gore ba kgone go kolobediwa?

  • O ka dira eng gore o nne le tumelo e e tla go thusang gore o ineele mo go Jehofa?

  • Ke eng se se thusitseng ba bangwe gore ba feleletse ba kolobeditswe?

  • Jehofa o segofatsa jang ba ba tlhophang go mo direla?

  • Go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa go kaya eng?

Fa puo ya kolobetso e sena go fela sebui se tla kopa ba ba yang kolobetsong go ema le go araba dipotso tse pedi tse di latelang ka lentswe le le kwa godimo:

A o ikwatlhaetse maleo a gago le go ineela mo go Jehofa gore o tla dira thato ya gagwe le go amogela tsela e a go bolokang ka yone a dirisa Jesu Keresete?

A o a tlhaloganya gore go ineela ga gago le go kolobediwa go supa gore o Mosupi wa ga Jehofa le gore o nna karolo ya phuthego ya gagwe?

Fa ba ba yang go kolobediwa ba araba dipotso tseno ka ee, ba tla bo ba “bolela phatlalatsa” gore ba dumela mo thulaganyong ya thekololo le gore ba ineetse mo go Jehofa ka pelo yotlhe.—Bar 10:9, 10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela