BOTSHELO JWA BOKERESETE
Re Leboga Modimo le Keresete ka Kgololesego e e Tlang
Ke mathata afe a o kopanong le one letsatsi le letsatsi? A o tlhogo ya lelapa mme o na le maikarabelo a mantsi a o lekang go a dira? A ke wena fela motsadi mo lelapeng mme o leka go tlamela ba lelapa la gago? A o mosha yo o kgerisiwang ke ba bangwe kwa sekolong? A o leka go itshokela bolwetse kgotsa manokonoko a botsofe? Mongwe le mongwe o na le mathata. Bakeresete ba le bantsi ba mekamekana le mathata a le mantsi ka nako e le nngwe. Mme re a itse gore go ise go ye kae, Jehofa o tla re golola mo mathateng ao.—2Bak 4:16-18.
Gone jaanong, re gomodiwa ke go itse gore Jehofa o tlhaloganya mathata a rona mme o itumelela go re bona re ikanyega e bile re itshoka. Gape re gomodiwa ke go itse gore Jehofa o tla re segofatsa thata. (Jer 29:11, 12) Jesu le ene o a re rata e bile o re tsaya re le botlhokwa. Fa re ntse re diragatsa maikarabelo a rona, a Bakeresetse ba tshwanetseng go a dira, re tlhatswegile pelo ka mafoko a ga Jesu a a reng: “Ke na le lona.” (Mat 28:20) Fa re ipha nako ya go akanya thata ka kgololesego ya mo isagweng e e tla nnang gone fa Bogosi Jwa Modimo bo busa, tsholofelo ya rona e tla nonofa e bile re tla ikemisetsa go itshokela mathata a rona.—Bar 8:19-21.
LEBANG BIDIO YA FA SETSUATSUE SE NTSE SE ATAMELA, TSWELELA O TSEPAMISITSE MOGOPOLO MO GO JESU!—MASEGO A BOGOSI, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Go tlile jang gore batho ba kgaogane le Modimo mme seo se ile sa dira gore go nne le diphelelo dife?
Batho ba ba ikanyegang mo go Jehofa ba tla nna le isagwe e e ntseng jang?
Go tla jang gore go nne le isagwe e e itumedisang jalo?
Ke masego afe a o letetseng go a bona kwa lefatsheng le lesha?
Ipone o le mo lefatsheng le lesha