December 7-13
LEFITIKO 10-11
Pina 32 le Thapelo
Matseno (1 mots.)
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO
“Rata Jehofa go Feta Lelapa la Gago”: (10 mets.)
Lef 10:1, 2—Jehofa o ne a bolaya Nadabe le Abihu ka gonne ba ne ba isa molelo o o seng kafa molaong (it-1-E 1174)
Lef 10:4, 5—Go tswa foo, ditopo tseo di ne tsa ntshediwa kwa ntle ga bothibelelo
Lef 10:6, 7—Jehofa o ne a laela Arone le bomorwawe ba bangwe gore ba se ka ba bontsha gore ba hutsafetse (w11 7/15 31 ¶16)
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong: (10 mets.)
Lef 10:8-11—Re ka ithuta eng mo ditemaneng tseno? (w14 11/15 17 ¶18)
Lef 11:8—A Bakeresetse ba tshwanetse go gana go ja nama ya diphologolo tse di neng di sa jewe go ya ka Molao wa ga Moshe? (it-1-E 111 ¶5)
Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke matlotlo afe a o ka ratang go tlotla ka one ka Jehofa, a o ka a dirisang mo tshimong, kgotsa matlotlo a mangwe a o a ithutileng?
Mmalo wa Baebele: (4 mets. kgotsa kwa tlase) Lef 10:1-15 (th thuto 10)
TLHAGAFALELA BODIREDI
Bidio ya Loeto Lwa Ntlha: (4 mets.) Motlotlo. Tshameka bidio eno. Go tswa foo, botsa bareetsi dipotso tseno: Lefa o ile a araba jang mong wa ntlo yo o neng a leka go mo thibela go rera? O ka thusa motho yo mongwe jang gore a tlhaloganye Pesalema 1:1, 2?
Loeto Lwa Ntlha: (4 mets. kgotsa kwa tlase) Dirisa karolo ya se re ka se buang mo bodireding. Naya mong wa ntlo taletso ya go tla dipokanong o bo o buelela bidio ya Go Dirwang Kwa Holong ya Bogosi? mme o se ka wa e tshameka. (th thuto 20)
Puo: (5 mets. kgotsa kwa tlase) w11 2/15 12—Setlhogo: Ke Eng se se Ileng sa Dira Gore Moshe A se Ka a Tlhola a Galefela Eliasare le Ithamare? (th thuto 12)
BOTSHELO JWA BOKERESETE
“Bontsha Gore o Rata Jehofa Ka go Sa Dirisane le Batho ba ba Kgaotsweng”: (15 mets.) Motlotlo. Tshameka bidio ya, Ikanyege ka Pelo e e Feletseng.
Thuto ya Baebele ya Phuthego: (30 mets. kgotsa kwa tlase) bhs kgao. 2, ser. 1-9 le ntlha e e kwa bofelong ya 2
Dintlha Tse di Konelang (3 mets. kgotsa kwa tlase)
Pina 94 le Thapelo