LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb20 September ts. 7
  • A o Ka Dirisa Nako ya Gago le Maatla a Gago go Direla Jehofa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ka Dirisa Nako ya Gago le Maatla a Gago go Direla Jehofa?
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thusa mo Diporojekeng Tsa go Aga
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Go Agiwa ga Diholo Tsa Bogosi—Karolo e e Botlhokwa ya Tirelo e e Boitshepo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Go Potlakisa Tiro ya go Aga Diholo Tsa Bogosi
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2016
  • Seabe Seo O Nang le Sone mo go Ageleng Isagwe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
mwb20 September ts. 7

September 28–October 4

A o Ka Dirisa Nako ya Gago le Maatla a Gago go Direla Jehofa?

Mokaulengwe o a nyenya fa a ntse a sega tshipi.

Fela jaaka Isaia a ile a bolelelapele, phuthego ya ga Jehofa e nna e ntse e gola go feta le e leng pele. (Isa 54:2) E re ka phuthego ya Modimo e ntse e gola, go tlhokega Diholo Tsa Bogosi tse disha, Diholo Tsa Dikopano le diofisi tsa makala. Bontsi jwa dikago tseno, di tlhoka go tlhokomelwa mme fa nako e ntse e ya, tse dingwe di ka tlhoka go baakanngwa. Seno se ka re naya ditshono dife tsa go dirisa nako ya rona le maatla a rona go direla Jehofa?

  • Re kgona go thusa ka go phepafatsa kwa Holong ya Bogosi fa e le nako ya gore setlhopha sa rona sa tshimo se phepafatse

  • Re ka ithaopa gore re rutiwe gore re ka tlhokomela Holo ya rona ya Bogosi jang

  • O ka tlatsa foromo ya Local Design/Construction Volunteer Application (DC-50) go ya go thusa go aga le go tlhokomela dikago tsa Bogosi tse di leng gaufi le lefelo le o leng mo go lone

  • O ka tlatsa foromo ya Application for Volunteer Program (A-19) o bo o ithaopa go thusa beke e le nngwe kgotsa go feta kwa Bethele e e mo lefelong le o nnang mo go lone kgotsa kwa makaleng a mangwe a Bethele

LEBANG BIDIO YA GO RULAGANNGWA GA POROJEKE E NTŠHA YA KAGO—BIDIO E E KHUTSWAFADITSWENG, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Tlhalosa gore go simologa ka 2014, go ile ga nna le diphetogo dife mo tseleng e re dirisang dibidio ka yone.

  • Gore go tswelele go na le dibidio mo kobamelong ya rona, go rulagantswe gore go dirwe porojeke efe mme porojeke eo e tlile go simolola le go fela leng?

  • Baithaopi ba ka thusa jang mo porojekeng eno?

  • Fa e le gore o batla go thusa go aga kwa Ramapo, goreng o tshwanetse go tlatsa foromo (DC-50) le go thusa mo diporojekeng tsa Local Design/Construction mo lefelong le o nnang mo go lone?

  • Ke eng se se bontshang gore Jehofa ke ene a kaelang porojeke eno?

  • Re ka tshegetsa jang porojeke eno le fa gone re sa kgone go thusa ka go aga?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela