MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | EKESODO 25-26
Sengwe se se Botlhokwa Thata mo Motlaaganeng
Letlole e ne e le selo se se botlhokwa thata mo motlaaganeng le mo lefelong le Baiseraele ba neng ba nna mo go lone. Leru le le mo gare ga ditšheruba tse pedi tse di fa godimo ga sekhurumelo sa Letlole le ne le tshwantshetsa go nna gone ga Modimo. Ngwaga le ngwaga ka Letsatsi la Tetlanyo, moperesiti yo mogolo o ne a tsena mo Boitshepong Jwa Maitshepo a bo a kgatšha madi a poo le a podi fa pele ga sekhurumelo sa letlole gore Baiseraele ba itshwarelwe maleo a bone. (Lef 16:14, 15) Seno se ne se emela se Moperesiti yo Mogolo e bong Jesu a neng a se dira fa a ne a isa boleng jwa setlhabelo sa gagwe sa thekololo fa pele ga ga Jehofa.—Bah 9:24-26.
Kwala ditemana tse di latelang go bapa le masego a a ka fa mojeng a a tsamaisanang le tsone:
DITEMANA
MASEGO
re na le tsholofelo ya go tshelela ruri
maleo a rona a itshwarelwa
re na le segakolodi se se siameng
Re tshwanetse go dira eng gore re bone masego ano?