August 24-30
EKESODO 19-20
Pina 88 le Thapelo
Matseno (1 mots.)
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO
“Melao e e Lesome e Kaya Eng mo go Wena”: (10 mets.)
Ek 20:3-7—Galaletsa Jehofa e bile o mo direle ka pelo yotlhe (w89 11/15 6 ¶1)
Ek 20:8-11—Tsaya kobamelo ya gago mo go Jehofa e le botlhokwa go feta sengwe le sengwe
Ek 20:12-17—Tlotla batho ba bangwe (w89 11/15 6 ¶2-3)
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong: (10 mets.)
Ek 19:5, 6—Baiseraele ba bogologolo ba ile ba palelwa ke go nna “bogosi jwa baperesiti” jang? (it-2-E 687 ¶1-2)
Ek 20:4, 5—Jehofa o ‘tlisa kotlhao ya tlolo ya borraabone’ jang mo dikokomaneng tsa isagwe? (w04 3/15 27 ¶1)
Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke matlotlo afe a o ka ratang go tlotla ka one ka Jehofa, a o ka a dirisang mo tshimong, kgotsa matlotlo a mangwe a o a ithutileng?
Mmalo wa Baebele: (4 mets. kgotsa kwa tlase) Ek 19:1-19 (th thuto 10)
TLHAGAFALELA BODIREDI
Loeto Lwa Ntlha: (3 mets. kgotsa kwa tlase) Dirisa karolo ya se re ka se buang mo bodireding. Go tswa foo, naya mong wa ntlo karata ya go ikgolaganya le rona ya jw.org. (th thuto 1)
Loeto Lwa go Boela: (4 mets. kgotsa kwa tlase) Dirisa karolo ya se re ka se buang mo bodireding. Go tswa foo, naya mong wa ntlo kgatiso go tswa mo Lebokosong la go Ruta. (th thuto 15)
Thuto ya Baebele: (5 mets. kgotsa kwa tlase) bhs 67 ¶17-19 (th thuto 8)
BOTSHELO JWA BOKERESETE
Nka Dira Jang Gore Batsadi Ba me Ba Ntshepe?: (6 mets.) Motlotlo. Tshameka bidio eno. Go tswa foo, botsa bareetsi dipotso tse di latelang: O ka dira eng gore batsadi ba gago ba go tshepe? Ke eng se o tshwanetseng go se dira fa o dirile sengwe se se phoso? Ke eng fa o tshwanetse go tlotla batsadi ba gago fa o batla gore ba go neye kgololesego e e oketsegileng?
Bontsha Batsadi ba Gago ba ba Tsofetseng Tlotlo: (9 mets.) Motlotlo. Tshameka bidio eno. Go tswa foo, botsa bareetsi dipotso tse di latelang: Ke dikgwetlho dife tse batsadi ba ka lebanang le tsone fa ba ntse ba gola? Goreng ba masika ba tshwanetse go nna ba tlotla ka dinako tsotlhe fa ba dira tshwetso ya go tlhokomela batsadi ba bone ba ba tsofetseng? Bana ba ka tlotla jang batsadi ba bone fa ba ntse ba ba tlhokometse?
Thuto ya Baebele ya Phuthego: (30 mets.) ia kgao. 17, ser. 14-22 le dipotso tsa poeletso mo setlhogong se se reng “Dintlha Tse O ka Di Akanyetsang . . .”
Dintlha Tse di Konelang (3 mets. kgotsa kwa tlase)
Pina 131 le Thapelo