July 13-19
EKESODO 8-9
Pina 12 le Thapelo
Matseno (1 mots.)
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO
“Fa Faro a Ikgantsha O ne A sa Lemoge Gore o Diragatsa Maikaelelo a Modimo”: (10 mets.)
Ek 8:15—Faro o ile a nna tlhogoethata a bo a gana go reetsa Moshe le Arone (it-2-E 1040-1041)
Ek 8:18, 19—Baperesiti ba ga Faro ba ba dirang maselamose ba ne ba mmolelela gore Jehofa o na le maatla go ba gaisa. Le fa go ntse jalo, Faro ga a ka a reetsa Moshe le Arone
Ek 9:15-17—Jehofa o ne a dira gore leina la gagwe le tlotlomadiwe ka go sa fedise Faro ka bonako (it-2-E 1181 ¶3-5)
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong: (10 mets.)
Ek 8:21—Seboba e ne e le eng? (it-1-E 878)
Ek 8:25-27—Goreng Moshe a ne a re setlhabelo sa Baiseraele se tla nna “makgapha mo Baegepetong”? (w04 3/15 25 ¶9)
Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke matlotlo afe a o ka ratang go tlotla ka one ka Jehofa Modimo, a o ka a dirisang mo tshimong, kgotsa matlotlo a mangwe a o a ithutileng?
Mmalo wa Baebele: (4 mets. kgotsa kwa tlase) Ek 8:1-19 (th thuto 12)
TLHAGAFALELA BODIREDI
Bidio ya Loeto Lwa Ntlha: (4 mets.) Motlotlo. Tshameka bidio eno. Go tswa foo, botsa bareetsi dipotso tse di latelang: Mmoledi o ile a araba mong wa ntlo jang fa a ne a leka go mo thibela go rera? Mmoledi a ka bo a bueletse kgatiso jang go tswa mo Lebokosong la go Ruta?
Loeto Lwa Ntlha: (2 mets. kgotsa kwa tlase) Dirisa karolo ya se re ka se buang mo bodireding. (th thuto 6)
Loeto Lwa Ntlha: (3 mets. kgotsa kwa tlase) Dirisa karolo ya se re ka se buang mo bodireding. Bontsha gore o ka araba jang motho yo o buang sengwe go lo thibela go rera. (th thuto 3)
Loeto Lwa Ntlha: (3 mets. kgotsa kwa tlase) Dirisa karolo ya se re ka se buang mo bodireding. Go tswa foo, naya mong wa ntlo kgatiso ya go ithuta Baebele. (th thuto 12)
BOTSHELO JWA BOKERESETE
“Nna Boikokobetso Mme O se Ka wa Ikgantsha”: (7 mets.) Motlotlo. Tshameka bidio ya Nna Tsala ya ga Jehofa—O se Ka wa Ikgantsha. Go tswa foo, kopa bana ba o baakanyeditseng le bone go sa le gale gore ba tle kwa seraleng fa ba le teng o bo o ba botsa dipotso ka bidio eno.
“Nna Boikokobetso fa ba Bangwe ba go Akgola”: (8 mets.) Motlotlo. Tshameka bidio ya Ikanyege Jaaka Jesu—Fa o Akgolwa.
Thuto ya Baebele ya Phuthego: (30 mets.) ia kgao. 14, ser.14-22 le lebokoso la dipotso tsa poeletso mo setlhogong se se reng, “Dintlha Tse O ka Di Akanyetsang . . .”
Dintlha Tse di Konelang (3 mets. kgotsa kwa tlase)
Pina 130 le Thapelo