MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | GENESISE 40-41
Jehofa o Golola Josefa
Pele ga Jehofa a ka golola Josefa, Josefa o ne a nna lekgoba e bile a nna kwa kgolegelong dingwaga di ka nna 13. Go na le gore Josefa a kgobege marapo o ile a ithuta dilo tse dintsi mo go se se mo diragaletseng. (Pes 105:17-19) O ne a itse gore Jehofa ga a mo latlha. Josefa o ne a dira eng fa a ne a na le mathata?
O ne a dira ka natla e bile o ne a ikanyega mme seno se ile sa dira gore Jehofa a mo segofatse.—Ge 39:21, 22
Go na le gore Josefa a loge leano la go ipusolosetsa mo bathong ba ba sa mo tshwarang sentle, ga a ka a dira jalo, mme o ile a tswelela pele a ba bontsha gore o ba rata.—Ge 40:5-7
Se se diragaletseng Josefa se nthusa jang gore ke itshoke fa ke na le mathata?
Nka dira eng fa ke na le mathata gone jaanong fa ke ntse ke emetse Jehofa gore a nkgolole ka nako ya Haramagedona?