MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | GENESISE 38-39
Jehofa Ga a Ka a Latlha Josefa
Fa Josefa a ne a na le mathata Jehofa o ne a dira gore “sengwe le sengwe se [Josefa] a neng a se dira se atlege” e bile o ne “a dira gore a bone kamogelo mo matlhong a modiredi yo mogolo wa ntlo ya kgolegelo.” (Ge 39:2, 3, 21-23) Ke dilo dife tse re ka ithutang tsone mo pegong eno?
Fa re na le mathata seno ga se reye gore Jehofa ga a sa tlhole a re rata.—Pes 34:19
Re tshwanetse go akanya ka dilo tse di molemo tse Jehofa a re direlang tsone mme re mo leboge.—Baf 4:6, 7
Re tshwanetse go ikaega ka Jehofa gore a re thuse.—Pes 55:22