May 4-10
GENESISE 36-37
Pina 114 le Thapelo
Matseno (1 mots.)
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO
“Josefa o Fufegelwa ke Bomogolowe”: (10 mets.)
Ge 37:3, 4—Bomogolowe Josefa ba ne ba mo tlhoile ka gonne rraagwe o ne a mo rata go ba feta (w14 8/1 12-13)
Ge 37:5-9, 11—Dilo tse Josefa a neng a di lora di ne di dira gore bomogolowe ba mo tlhoe le go feta (w14 8/1 13 ¶2-4)
Ge 37:23, 24, 28—Bomogolowe Josefa ba ile ba mmogisa ka gonne ba ne ba mo fufegela
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong: (10 mets.)
Ge 36:1—Goreng Esau a ne a newa leina le lengwe e leng Edoma? (it-1-E 678)
Ge 37:29-32—Goreng bomogolowe Josefa ba ne ba bontsha Jakobe seaparo se seleele sa ga Josefa se se neng se tletse madi? (it-1-E 561-562)
Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke matlotlo afe a o ka ratang go tlotla ka one ka Jehofa Modimo, a o ka a dirisang mo tshimong, kgotsa matlotlo a mangwe a o a ithutileng?
Mmalo wa Baebele: (4 mets. kgotsa kwa tlase) Ge 36:1-19 (th thuto 5)
TLHAGAFALELA BODIREDI
Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta: (10 mets.) Motlotlo. Tshameka bidio ya, Dira Gore Bareetsi ba Tlhaloganye Se o Se Buang, lo bo lo tlotla ka thuto 17 ya boroutšhara jwa, Go Bala le go Ruta.
Puo: (5 mets. kgotsa kwa tlase) w02 10/15 30-31—Setlhogo: Goreng Bakeresete ba Tshwanetse go Nna le Lefufa le le Siameng? (th thuto 6)
BOTSHELO JWA BOKERESETE
“Nna o le Malala a Laotswe” (15 mets.) Motlotlo. Puo eno e neelwe ke mogolwane. Tshameka bidio ya, Re ka Ipaakanyetsa Jang Masetlapelo a Tlholego? Fa e le gore go na le dintlha tse ofisi ya lekala di re gakololang ka tsone kgotsa setlhopha sa bagolwane, tlotla ka tsone.
Thuto ya Baebele ya Phuthego: (30 mets.) ia kgao. 9, ser. 14-24 le dipotso tsa poeletso mo setlhogong se se reng “Dintlha Tse O ka Di Akanyetsang . . .”
Dintlha Tse di Konelang (3 mets. kgotsa kwa tlase)
Pina 113 le Thapelo