LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb20 March ts. 8
  • Nka Laletsa Mang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nka Laletsa Mang?
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Ipaakanyetsa Segopotso?
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Letsholo la go Itsise ka Segopotso le Simolola ka March 17
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Dipampitshana Tsa Taletso ya Segopotso Tse di Tla Tsamaisiwang Lefatshe Lotlhe!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Go Thusa Botlhe ba ba Nnileng le Kgatlhego
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
mwb20 March ts. 8
Fa ba ntse mo kitšhineng, mokaulengwe o naya mongwe wa ba losika la gagwe yo e seng Mosupi taletso ya Segopotso. Kwa morago basadi ba bone ba tlotla fa ba ntse ba dira dijo mmogo.

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Nka Laletsa Mang?

Ngwaga le ngwaga re laletsa batho go tla Segopotsong sa ga Jesu. Bontsi jwa bone ke batho ba re sa ba itseng. Mme re tshwanetse go laletsa le batho ba re ba itseng. Gantsi batho ba ba tlang Segopotsong ke ba ba laleditsweng ke batho ba ba ba tlwaetseng. (yb08-E 11 ¶3; 14 ¶1) O ka laletsa bomang?

  • Masika

  • Badirimmogo kgotsa ba o tsenang sekolo le bone

  • Baagelani

  • Batho ba o boelang kwa go bone mo tshimong le batho ba o ithutang Baebele le bone kgotsa ba o kileng wa ithuta le bone

Gape bagolwane ba tla laletsa batho ba ba tsidifetseng. O ka dira eng gore o laletse motho yo mo itseng mme a sa nne gaufi le mo o nnang teng? O ka tsena mo jw.org o bo o tobetsa KA GA RONA. Go tswa foo, tobetsa “Segopotso” go bona lefelo le le gaufi le motho yoo a ka yang Segopotsong kwa go lone le gore se tla tshwarwa nako mang. Fa o ntse o ipaakanyetsa Segopotso sa ngwaga ono, akanya ka batho ba o ka ba laletsang mme o ba laletse.

Ditshwantsho: 1. Mokaulengwe o rerela mongwe ka nako ya dijo kwa tirong. 2. Mokaulengwe o bontsha motho yo dirang kwa resetšhurenteng bidio.
    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela