February 24–March 1
GENESISE 20-21
Pina 108 le Thapelo
Matseno (1 mots.)
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO
“Ka Metlha Jehofa o Diragatsa Ditsholofetso Tsa Gagwe”: (10 mets.)
Ge 21:1-3—Sara o ile a ima a bo a tshola ngwana wa mosimane (wp17.5 14-15)
Ge 21:5-7—Jehofa o ile a dira gore selo se se neng se sa kgonege, se direge
Ge 21:10-12, 14—Aborahame le Sara ba ne ba dumela e bile ba sa belaele gore Jehofa o tla diragatsa tsholofetso ya gagwe ya gore losika lwa ga Aborahame lo tla tswa mo go Isake
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong: (10 mets.)
Ge 20:12—Sara e ne e le kgaitsadie Aborahame ka tsela efe? (wp17.3 12, ntlha e e kwa tlase.)
Ge 21:33—Aborahame o ile a “bitsa leina la ga Jehofa” jang? (w89 7/1 20 ¶9)
Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke matlotlo afe a o ka ratang go tlotla ka one ka Jehofa Modimo, a o ka a dirisang mo tshimong, kgotsa matlotlo a mangwe a o a ithutileng?
Mmalo wa Baebele: (4 mets. kgotsa kwa tlase) Ge 20:1-18 (th thuto 5)
TLHAGAFALELA BODIREDI
Bidio Ya fa O Boa Lekgetlo la Bobedi: (5 mets.) Motlotlo. Tshameka bidio eno. Go tswa foo, botsa bareetsi dipotso tse di latelang: Mmoledi yono o ile a tlhalosa temana jang gore e tlhaloganyesege? Ke eng fa re ka re seno ke sekai se se molemo sa go thusa motho yo o kgatlhegelang go itse se Baebele e se rutang?
Fa o Boa Lekgetlo la Bobedi: (3 mets. kgotsa kwa tlase) Dirisa karolo ya se re ka se buang mo bodireding. (th thuto 4)
Thuto ya Baebele: (5 mets. kgotsa kwa tlase) bhs 35-36 ¶19-20 (th thuto 3)
BOTSHELO JWA BOKERESETE
Pego ya Ngwaga wa Tirelo: (15 mets.) Puo eno e neelwe ke mogolwane. Fa o sena go bala kitsiso e e tswang kwa ofising ya lekala e e buang ka pego ya ngwaga wa tirelo, botsolotsa baboledi ba o ba tlhophileng go sa le gale ka maitemogelo a a kgothatsang a ba nnileng le one mo tshimong mo ngwageng o o fetileng wa tirelo.
Thuto ya Baebele ya Phuthego: (30 mets.) ia kgao. 4, ser. 16-31 le dipotso tsa poeletso mo setlhogong se se reng “Dintlha Tse O ka Di Akanyetsang . . .”
Dintlha Tse di Konelang (3 mets. kgotsa kwa tlase)
Pina 56 le Thapelo