BOTSHELO JWA BOKERESETE
Banyalani ba ka Tiisa Lenyalo la Bone Jang?
Aborahame le Sara ke banyalani ba ba re tlhometseng sekao se se molemo sa gore banyalani ba tshwanetse go ratana le go tlotlana. (Ge 12:11-13; 1Pe 3:6) Mme gone, ga se gore ba ne ba se na mathata, ba ne ba tshwanelwa ke go itshokela mathata a bone. Banyalani ba ka ithuta eng mo sekaong sa ga Aborahame le Sara?
Buisanang. Fa monna kgotsa mosadi wa gago a buile sengwe se se go utlwisang botlhoko ka gonne a galefile, o se ka wa kgopisega mme leka go mo tlhaloganya. (Ge 16:5, 6) Ka metlha ipheng nako e lo tla e fetsang lo le mmogo. Bolelela monna kgotsa mosadi wa gago gore o a mo rata e bile dira gore a bone gore ruri o a mo rata. Sa botlhokwa le go feta, dirang gore go atamalana le Jehofa go tle pele mo matshelong a lona ka go ithuta Baebele lo le nosi, go rapela le go obamela mmogo. (Mor 4:12) Manyalo a a molemo a galaletsa Jehofa, Mosimolodi wa thulaganyo eno e e boitshepo.
LEBANG BIDIO YA, GO RARABOLOLA MATHATA MO LENYALONG, LO BO LO TLOTLA KA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Mo bidiong eno, ke eng se se neng se bontsha gore Kaone le Masedi ba simolola go katogana?
Goreng banyalani ba tshwanetse go nna ba buisana ka sengwe le sengwe?
Sekao sa ga Aborahame le Sara se ile sa thusa Kaone le Masedi jang?
Ke dilo dife tse Kaone le Masedi ba ileng ba di dira go tiisa lenyalo la bone?
Goreng banyalani ba sa tshwanela go akanya gore ga ba kitla ba nna le mathata mo lenyalong?
Le wena o ka tiisa lenyalo la gago!