BOTSHELO JWA BOKERESETE
“Tswelelang lo Akanya ka Dilo Tseno”
Ke dilo dife? Bafilipi 4:8 ya re re tshwanetse go akanya ka dilo tse di boammaaruri, tse di tsewang masisi, tse di siameng, tse di itshekileng, tse di rategang, tse di buiwang molemo le tse di tshwanelwang ke pako. Seno ga se reye gore Bakeresete ba tshwanetse go nna ba akantse fela ka dilo tse di mo Baebeleng. Mme dilo tse re di akanyang di tshwanetse go itumedisa Jehofa. Ga re a tshwanela go akanya ka dilo tse di ka dirang gore go nne thata go ikanyega mo go ene.—Pes 19:14.
Ga go motlhofo go nna o sa akanye ka dilo tse di sa siamang. Re tshwanetse go lwantshana le dikeletso tsa rona tse di sa siamang le gore re se ka ra itetla go raelwa ke “modimo wa tsamaiso eno ya dilo,” Satane. (2Bak 4:4) Satane o laola lefatshe, ka jalo, o dirisa dithelebishene, diradio, Internet le dibuka go leka go re raela. Re tshwanetse go tlhopha dilo tse re di lebang, tse re di reetsang le tse re di balang gore re se ka ra leswafatsa megopolo ya rona re bo re feleletsa re dira dilo tse di sa siamang.—Jak 1:14, 15.
LEBA BIDIO YA, TILA DILO TSE DI KA DIRANG GORE O SE KA WA TLHOLA O IKANYEGA—BOITLOSOBODUTU JO BO SA SIAMANG, LO BO LO TLOTLA KA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Mokaulengwe o ne a lebeletse eng mo founong ya gagwe, mme go ile ga felela jang?
Bagalatia 6:7, 8 le Pesalema 119:37 di ile tsa mo thusa jang?