May 27–June 2
BAGALATIA 1-3
Pina 106 le Thapelo
Matseno (3 mets. kgotsa kwa tlase)
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO
“Paulo O ne A Kgalemela Petere”: (10 mets.)
[Tshameka bidio ya Se se Mo Bukeng ya Bagalatia.]
Bag 2:11-13—Fa Bakeresete ba Bajuda ba ne ba etetse Petere, o ile a tlogele go itsalanya le Bakeresete ba e neng e se Bajuda (w17.04 27 ¶16)
Bag 2:14—Paulo o ile a kgalemela Petere (w13 3/15 5 ¶12)
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong: (8 mets.)
Bag 2:20—O tshwanetse go tsaya thekololo e le botlhokwa go le kana kang, mme ke eng fa o tshwanetse go dira jalo? (w14 9/15 16 ¶20-21)
Bag 3:1—Ke eng fa Paulo a ne a re Bagalatia ‘ga ba na tlhaloganyo’? (it-1-E 880)
Mmalo wa Baebele wa beke eno o go rutile eng ka Jehofa?
Ke matlotlo afe a mangwe a o a boneng mo mmalong wa Baebele wa beke eno?
Mmalo wa Baebele: (4 mets. kgotsa kwa tlase) Bag 2:11-21 (th thuto 10)
TLHAGAFALELA BODIREDI
Bidio Ya fa O Boa Lekgetlo la Bobedi: (5 mets.) Tshameka bidio eno lo bo lo tlotla ka yone.
Fa o Boa Lekgetlo la Bobedi: (3 mets. kgotsa kwa tlase) Dirisa karolo ya se re ka se buang mo bodireding. (th thuto 2)
Thuto ya Baebele: (5 mets. kgotsa kwa tlase) bhs 202 ¶18-19 (th thuto 6)
BOTSHELO JWA BOKERESETE
“Re ka Tlhokomela Diholo Tsa Rona Tsa Bogosi Jang?”: (15 mets.) Motlotlo. Puo eno e neelwe ke mogolwane. Lebang bidio ya Go Tlhokomela Mafelo a Rona a Kobamelo lo bo lo araba dipotso tse di mo tsebe 7. Go tswa foo, botsa mokaulengwe yo o mo komiting e e tlhokomelang tsamaiso ya Holo ya Bogosi dipotso tse di latelang. (Fa go se na ope yo o mo komiting eno mo phuthegong ya lona, botsolotsa morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane. Fa phuthego ya lona e sa tlhakanela Holo ya Bogosi le phuthego epe, botsolotsa morulaganyi wa go tlhokomelwa ga Holo ya Bogosi mo phuthegong ya lona.) A phuthego e dirisa thulaganyo e e dirilweng ya go phepafatsa Holo ya Bogosi? A re bereka ka tsela e e babalesegileng? Ke eng se se sa tswang go tokafadiwa mo Holong ya Bogosi mme ke eng se se tla dirwang mo nakong e e tlang? Fa mongwe a na le bokgoni jo bo rileng kgotsa a ka rata go thusa, o tshwanetse go dira eng? Mongwe le mongwe wa rona a ka thusa jang go tlhokomela Holo ya Bogosi?
Thuto ya Baebele ya Phuthego: (30 mets.) cf kgao. 8, ser. 10-17
Tshobokanyo ya Pokano le go Sekaseka ya Beke e e Tlang (3 mets.)
Pina 60 le Thapelo