November 12-18
DITIRO 1-3
Pina 104 le Thapelo
Matseno (3 mets. kgotsa kwa tlase)
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO
“Moya o o Boitshepo o Tshololelwa mo Phuthegong ya Bokeresete”: (10 mets.)
[Tshameka bidio ya Se se Mo Bukeng ya Ditiro.]
Dit 2:1-8, 14, 37, 38, 41—Fa barutwa ba ga Jesu ba sena go amogela moya o o boitshepo, ba ile ba rerela batho ba le bantsi mme go ile ga kolobediwa batho ba ka nna 3 000
Dit 2:42-47—Barutwa ba ga Jesu ba ile ba bontsha moya wa go aba le amogela baeng ka go thusa ba ba neng ba tlile Jerusalema mme ba sa tswa go kolobediwa gore ba nne lobakanyana le gore ba gole mo tumelong (w86 12/1 29 ¶4-5, 7)
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong: (8 mets.)
Dit 3:15—Goreng Jesu a bidiwa “Moemedi yo Mogolo wa botshelo”? (it-2-E 61 ¶1)
Dit 3:19—Jehofa o itshwarela batho ba ba ikwatlhayang ka tsela efe? (cl 265 ¶14)
Mmalo wa Baebele wa beke eno o go rutile eng ka Jehofa?
Ke matlotlo afe a mangwe a o a boneng mo mmalong wa Baebele wa beke eno?
Mmalo wa Baebele: (4 mets. kgotsa kwa tlase) Dit 2:1-21
TLHAGAFALELA BODIREDI
Loeto Lwa Ntlha: (2 mets. kgotsa kwa tlase) Dirisa karolo ya se re ka se buang mo bodireding.
Bidio Ya fa O Boa Lekgetlo la Ntlha: (5 mets.) Tshameka bidio eno lo bo lo tlotla ka yone.
Puo: (6 mets. kgotsa kwa tlase) it-1-E 129 ¶2-3—Setlhogo: Ke Eng fa go Ile ga Tlhophiwa Moaposetoloi yo Mongwe mo Maemong a ga Judase Mme Ga se Ka ga Dirwa Jalo ka Baaposetoloi ba ba Tlhokafetseng?
BOTSHELO JWA BOKERESETE
“Go Rera Mmogo Kwa Tshimong e go Buiwang Dipuo Tse di Farologaneng Kwa go Yone”: (15 mets.) Motlotlo. E neelwe ke molebedi wa tirelo. Tshameka bidio lo bo lo tlotla ka yone. Fa phuthego ya lona e na le tshimo e batho ba buiwang dipuo tse di farologaneng mo go yone, tlotla ka dithulaganyo tse di teng tsa go bereka tshimo eo.
Thuto ya Baebele ya Phuthego: (30 mets.) lv kgao. 16, ser. 1-8
Tshobokanyo ya Pokano le go Sekaseka ya Beke e e Tlang (3 mets.)
Pina 68 le Thapelo