BOTSHELO JWA BOKERESETE
Bakeresete ba Boammaaruri ba a Ratana—Tilang Bopelotshetlha le go Kgopisega Motlhofo
GORENG GO LE BOTLHOKWA: Jesu o ne a re re tla itsiwe gore re barutwa ba gagwe fa re ratana. (Joh 13:34, 35) Gore re bontshane lorato lono, re tshwanetse go dira gore dilo tse ba bangwe ba di tlhokang di tle pele le go tila go kgopisega motlhofo.—1Bak 13:5.
SE O KA SE DIRANG:
Fa mongwe a bua kgotsa a dira sengwe se se go utlwisang botlhoko, ipotse pele ka se se ka tswang se bakile bothata jono le gore se o tla se buang kgotsa se o tla se dirang se tla ama motho yoo jang.—Dia 19:11
Gopola gore rotlhe re dira diphoso le gore re na le go bua kgotsa go dira dilo tse morago re di ikwatlhaelang
Rarabolola dikgotlhang ka bonako
LEBANG BIDIO YA ‘RATANANG’—TILANG BOPELOTSHETLHA LE GO KGOPISEGA MOTLHOFO, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Larona o ne a itshwara jang fa Tiro a mo kopa gore ba kopane morago ga dipokano?
Fa Tiro a ne a ema gore a akanye ka se Larona a se buileng, seno se mo thusitse jang gore a se ka a kgopisega motlhofo?
Go ile ga direga eng fa Tiro a sena go araba Larona ka bonolo?
Phuthego e solegelwa molemo jang fa re sa kgopisege motlhofo?