BOTSHELO JWA BOKERESETE
Latela Dikgato Tsa ga Keresete Gaufiufi
Jesu o re tlhometse sekao se re ka se etsang fa re lebane le diteko kgotsa fa re bogisiwa. (1Pe 2:21-23) Le fa gone Jesu a ne a tlhapadiwa e bile a bogisiwa, ga a ka a ipusolosetsa. (Mar 15:29-32) Ke eng se se mo thusitseng go itshoka? O ne a ikemiseditse go dira thato ya ga Jehofa. (Joh 6:38) Gape o ne a tlhomile mogopolo mo tuelong e a neng a tla e newa.—Bah 12:2.
Re ka dira eng fa batho ba sa re tshware sentle ka ntlha ya se re se dumelang? Bakeresete ba boammaaruri ga ba “[busetse] ope bosula ka bosula.” (Bar 12:14, 17) Fa re etsa Keresete ka go itshoka, re tla itumedisiwa ke go itse gore re amogelwa ke Modimo.—Mat 5:10-12; 1Pe 4:12-14.
LEBA BIDIO YA LEINA LA GA JEHOFA KE LONE LA BOTLHOKWATLHOKWA, MORAGO GA MOO, ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Kgaitsadi Pötzingera o ile a dirisa nako ya gagwe jang fa a ne a le esi kwa seleng?
Mokaulengwe le Kgaitsadi Pötzinger ba ile ba kopana le diteko dife fa ba le kwa dikampeng tsa pogisetso?
Ke eng se se ba thusitseng gore ba itshoke?
Etsa sekao sa ga Keresete fa o bogisiwa
a Gape leina leno le ka kwalwa jaana: Poetzinger.