LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb17 October ts. 7
  • Tshela ka Tsela e e Galaletsang Jehofa!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tshela ka Tsela e e Galaletsang Jehofa!
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Duela Melato ya Tiriso ya Matlotlo a ga Keresete
    Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
  • Itumelele se o Kgonang go se Direla Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Setshwantsho sa Ditalenta
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ithute mo Setshwantshong sa Ditalenta
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
mwb17 October ts. 7

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Tshela ka Tsela e e Galaletsang Jehofa!

Botshelo ke mpho ya botlhokwa thata. Tsela e re tshelang ka yone e bontsha gore re bo tlotla go le kana kang. Rona Basupi ba ga Jehofa re dirisa bokgoni jwa rona go baka Jehofa Modimo yo o re neileng botshelo. (Pes 36:9; Tsh 4:11) Mme gone, go tshwenyega thata ka dilo tsa botshelo go ka dira gore re feleletse re tlhokomologile tumelo ya rona. (Mar 4:18, 19) Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go ipotsa gore: ‘A ke direla Jehofa ka pelo yotlhe? (Hos 14:2) A tiro ya me e nkgoreletsa go direla Jehofa ka pelo yotlhe? Ke ipeetse mekgele efe ya semoya? Nka tokafatsa jang bodiredi jwa me?’ Kopa Jehofa gore a go thuse fa o bonang o tlhoka go tokafatsa gone mme o dire dilo go dumalana le dithapelo tsa gago. O tla itumela fa o baka Jehofa letsatsi le letsatsi!—Pes 61:8.

Edgardo Franco a opela; Edgardo Franco a le mo bodireding

O dirisa bokgoni jwa gago go direla mang?

LEBA BIDIO E E RENG DIRISA BOKGONI JWA GAGO GO DIRELA JEHOFA, GO TSWA FOO, ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Ke eng fa go se botlhale go dirisa bokgoni jwa gago mo lefatsheng leno la ga Satane? (1Jo 2:17)

  • Jehofa o segofatsa jang batho ba ba mo direlang ka pelo yotlhe?

  • Ke dikabelo dife tse o ka dirisang bokgoni jwa gago mo go tsone?

SE O KA SE DIRANG KA NAKO YA KOBAMELO YA LELAPA:

  • Botsolotsa mmoledi yo go fetileng lobaka lo loleele a direla Jehofa, gongwe a le mo tirelong ya nako e e tletseng. Ke dilo dife tse a ileng a di itima gore a kgone go direla Jehofa ka pelo yotlhe? Jehofa o mo segofaditse jang?

  • Tsena mo JW Broadcasting mme o ye kwa karolong ya MAITEMOGELO A BA BANGWE. O tla bona maitemogelo a bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba ileng ba itumelela go direla Jehofa mo dikabelong tse di farologaneng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela