August 7-13
ESEKIELE 28-31
Pina 85 le Thapelo
Matseno (3 mets. kgotsa kwa tlase)
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO
“Jehofa O ne A Segofatsa Setšhaba sa Baheitane”: (10 mets.)
Esek 29:18—Modimo ga a ka a segofatsa Kgosi Nebukadenesare wa Babelona fa a sena go fenya Ture (it-2-E 1136 ¶4)
Esek 29:19—Modimo o ne a naya Kgosi Nebukadenesare dikhumo tsa Egepeto go na le go mo naya tsa Ture (it-1-E 698 ¶5)
Esek 29:20—Jehofa o ne a segofatsa Bababelona ka gonne ba ile ba diragatsa thato ya gagwe (g86-E 11/8 27 ¶4-5)
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong: (8 mets.)
Esek 28:12-19—Tsela e Ture e ileng ya dira dilo ka yone e tshwana jang le ya ga Satane? (it-2-E 604 ¶4-5)
Esek 30:13, 14—Boporofeti jono bo ile jwa diragadiwa jang? (w03 7/1 32 ¶1-3)
Mmalo wa Baebele wa beke eno o go rutile eng ka Jehofa?
Ke matlotlo afe a mangwe a o a boneng mo mmalong wa Baebele wa beke eno?
Mmalo wa Baebele: (4 mets. kgotsa kwa tlase) Esek 29:1-12
TLHAGAFALELA BODIREDI
Baakanyetsa Dipuisano Tsa Kgwedi Eno: (15 mets.) Motlotlo o o theilweng mo karolong ya “Dipuisano Tse Re ka Di Dirisang.” Tshameka bidio nngwe le nngwe ya dipuisano lo bo lo tlotla ka dintlha tsa yone tsa konokono. Kgothaletsa baboledi gore ba umake ditiragalo tsa bosheng mo dipuisanong tsa bone le go dirisa bidio ya A o Ka Rata go Utlwa Dikgang Tse di Molemo? fa ba naya batho boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo.
BOTSHELO JWA BOKERESETE
Dilo Tse Phuthego ya Lona e Tlhokang go di Ela Tlhoko: (5 mets.) Fa go se na sepe, tlotlang ka se lo ka ithutang sone mo kgatisong ya Buka ya Ngwaga. (yb17 35-36 le lebokose le le mo tsebe 55)
“Etsa Dinonofo Tsa Modimo—Boikokobetso”: (10 mets.) Motlotlo. Tshameka bidio ya Tila Dilo Tse di ka Dirang Gore O se Ka wa Tlhola o Ikanyega—Boikgogomoso.
Thuto ya Baebele ya Phuthego: (30 mets.) kr “Karolo 5—Thuto ya Bogosi—Go Thapisa Batlhanka ba Kgosi,” kgao. 16 ¶1-5, mabokose a ditlhogo tse di reng “Kobamelo ya Lelapa” le “Dikokoano Tsa Ngwaga le Ngwaga Tse di Dirang Gore Batho ba Modimo ba Nne Seoposengwe”
Tshobokanyo ya Pokano le go Sekaseka ya Beke e e Tlang (3 mets.)
Pina 20 le Thapelo