LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb17 April ts. 2
  • Ba Amogele ka Lorato

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba Amogele ka Lorato
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dirang Gore ba Ikutlwe ba Amogetswe kwa Segopotsong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Go Tla Neelwa Bosupi jo bo Maatla
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Go Thusa Botlhe ba ba Nnileng le Kgatlhego
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Amogela Baeng ba Rona
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
mwb17 April ts. 2

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Ba Amogele ka Lorato

Bomang? Mongwe le mongwe yo o tlang kwa dipokanong tsa rona, e ka tswa e le batho ba ba etileng lekgetlo la ntlha kgotsa e le batho ba re ba itseng. (Bar 15:7; Bah 13:2) Gongwe e ka nna Mosupi yo o tswang kwa nageng e nngwe kgotsa Mosupi yo go fetileng lobaka a sa tle dipokanong. A o ne o se kitla o itumela fa o amogelwa ka lorato? (Mat 7:12) Ka jalo, go botlhokwa gore re dumedise batho ba ba tlileng dipokanong, re ka dira jalo pele dipokano di simolola kgotsa morago ga tsone. Seno se dira gore batho ba ikutlwe ba amogelesegile, ba ratiwa e bile se tlisetsa Jehofa kgalalelo. (Mat 5:16) Gone o ka se kgone go bua le mongwe le mongwe yo o tlileng dipokanong. Mme gone batho ba tla ikutlwa ba amogelesegile fa re tsaya matsapa a go ba dumedisa.a

Go amogela baeng e tshwanetse go nna selo se re se dirang ka dinako tsotlhe e seng ka nako ya Segopotso fela kgotsa fa go na le tiragalo nngwe e e kgethegileng. Fa batho ba ba re etetseng lekgetlo la ntlha ba bone tsela e re ratanang ka yone, ba ka nna ba tlhotlheletsega go galaletsa Modimo le go nna Basupi ba ga Jehofa.—Joh 13:35.

a Melaometheo ya Baebele e re tlhagisa gore re dirisane jang le batho ba ba kgaotsweng kgotsa ba ba itomolotseng mo phuthegong mme gone ba tlile dipokanong.—1Bak 5:11; 2Jo 10.

Mokaulengwe a dumedisa batho ba ba tlileng dipokanong

SE RE KA SE DIRANG GO THUSA BA BA RE ETETSENG

  • Mmolelele leina la gago o bo o mmotsa la gagwe

  • Mo kope gore a tle go bapa le wena

  • Dirisa Baebele le kopelo ya gago le ene

  • Araba dipotso tse a ka tswang a na le tsone morago ga dipokano

  • Kopa go ithuta Baebele le ene fa maemo a go letla

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela