MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | ISAIA 34-37
Tumelo ya ga Hesekia E ne Ya Duelwa
Kgosi Senakaribe wa Asiria o ile a romela Rabeshake kwa Jerusalema gore a ye go bolelela batho ba motse oo gore ba ineele. Baasiria ba ile ba leka ka ditsela tse di farologaneng go dira gore Bajuda ba ineele ba sa lwa le bone.
Go ba tlhaola. Motse wa Egepeto ga o na go le thusa ka sepe.—Isa 36:6
Go tsosa dipelaelo. Jehofa ga a kitla a lo tlhabanela ka gonne lo mo swabisitse.—Isa 36:7, 10
Go ba tshosetsa. Ga lo kitla lo fenya masole a Asiria a a maatla.—Isa 36:8, 9
Go ba raela. Fa lo ineela mo bathong ba Asiria, botshelo jwa lona bo tla tokafala.—Isa 36:16, 17
Hesekia o ile a bontsha gore o na le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa
O dirile sotlhe se a ka se kgonang go thusa batho ba motse gore ba ipaakanyetse ntwa
O ne a kopa Jehofa gore a ba thuse a bo a nonotsha tumelo ya batho mo go Jehofa
Tumelo ya gagwe e ne ya duelwa fa Jehofa a romela moengele gore a bolaye masole a Asiria a le 185 000 mo bosigong bo le bongwe