BOTSHELO JWA BOKERESETE
A o Ka bo Leka Ngwaga Fela?
O leka eng? Bobulatsela jwa ka metlha! A bo o tla segofadiwa jang ne! —Dia 10:22.
FA O LE MMULATSELA, O KA KGONA GO . . .
tokafatsa bokgoni jwa gago mo bodireding le go bo itumelela le go feta
nonotsha kamano ya gago le Jehofa. Fa o fetsa nako e ntsi o bolelela ba bangwe ka ene, o tla anaanela dinonofo tsa gagwe tse di kgatlhang le go feta
nna le boitumelo jo bo tlisiwang ke go dira gore dilo tsa Bogosi di tle pele mo botshelong jwa gago le go kgotsofadiwa ke go intsha setlhabelo.—Mat 6:33; Dit 20:35
ya pokanong ya babulatsela e e tshwarwang ka nako ya fa molebedi wa potologo a etile, go ya pokanong e e kgethegileng e e tshwarwang ka nako ya kopano ya potologo le go ya Sekolong sa Tirelo ya Bobulatsela
nna le ditshono tse di oketsegileng tsa go simolola le go tshwara dithuto tsa Baebele
fetsa nako le baboledi ba bangwe lo itumelela go kgothatsana.—Bar 1:11, 12