MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DIPESALEMA 11-18
Ke Mang yo o Tla Nnang Molalediwa mo Mogopeng wa ga Jehofa?
Go nna molalediwa mo mogopeng wa ga Jehofa go kaya go nna tsala ya Modimo, e e mo ikanyang e bile e mo ikobela. Pesalema 15 e tlhalosa se Jehofa a se batlang mo tsaleng.
MOLALEDIWA WA GA JEHOFA O TSHWANETSE GO . . .
nna le bothokgami
bua boammaaruri, tota le mo pelong ya gagwe
tlotla batlhanka ba bangwe ba ga Jehofa
dira jaaka a solofeditse, tota le fa go le thata
thusa ba ba humanegileng a sa lebelela go bona tuelo epe
MOLALEDIWA WA GA JEHOFA O TILA GO . . .
seba le go senya ba bangwe maina
direla moagelani wa gagwe tshiamololo
dirisa bakaulengwe ba gagwe
itsalanya le batho ba ba sa ikobeleng Jehofa
tsaya pipamolomo