MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DIPESALEMA 1-10
Go Nna le Kagiso le Jehofa go Tlhoka Gore re Tlotle Morwaawe, Jesu
Go ne ga porofetiwa gore batho ba tla nna kgatlhanong le Jehofa le Jesu
Go ne ga bonelwa pele gore ditšhaba di tla gana bolaodi jwa ga Jesu mme di tla ganelela mo bolaoding jwa tsone
Boporofeti jono bo diragaditswe ka nako ya fa Jesu a ne a le mo lefatsheng mme bo diragadiwa gape mo go oketsegileng mo motlheng wa gompieno
Mopesalema a re ditšhaba di ngunanguna selo se se lolea, mo go rayang gore maikaelelo a bone a lolea e bile a ka se atlege ka gope
Ba ba tlotlang Kgosi e e tloditsweng ke Jehofa ke bone fela ba tla bonang botshelo
Botlhe ba ba kgatlhanong le Kgosi ya Bomesia ba tla senngwa
Batho ba ba tlotlang Morwa, e bong Jesu, ba tla sireletsega e bile ba tla nna ka kagiso