Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Tsamaisa Buka ya Baebele e Ruta Eng
Lebaka La go Bo go Le Botlhokwa: Buka ya Baebele e Ruta Eng ke sedirisiwa sa konokono se re se dirisang go ruta batho Baebele. Mme gone, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go itse kafa a ka e tsamaisang ka gone mo bodireding. (Dia. 22:29) Go na le ditsela di le dintsi tsa go dira jalo mme gone baboledi ba ka dirisa tsela epe fela e ba bonang e dira.
Leka Seno mo Kgweding Eno:
Lekang go dirisa dikakantsho tseno ka nako ya kobamelo ya lona ya lelapa.
Bolelela motho yo o tsamayang le ene mo bodireding gore o ipaakanyeditse go bua o reng. (Dia. 27:17) Fetola puisano ya gago fa o bona gore ga e bereke.