Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka June 29, 2015. Letlha le ntlha nngwe le nngwe e sekasekilweng ka lone le akareditswe e le gore go dirwe patlisiso fa go baakanyediwa sekolo beke nngwe le nngwe.
Ke eng se se phoso ka tsela e Mikale a buileng le Dafide ka yone, mme banyalani ba ka ithuta eng mo pegong eno? (2 Sam. 6:20-23) [May 11, w11 8/1 ts. 12 ser. 1]
Moporofeti Nathane o ne a tsiboga jang fa Jehofa a sa dumalane le gore Dafide a tswelele ka dithulaganyo tsa go agela Jehofa tempele? (2 Sam. 7:2, 3) [May 11, w12 2/15 ts. 24 ser. 6-7]
Goreng Nathane a ile a dirisa setshwantsho se se mo go 2 Samuele 12:1-7 fa a bua le Dafide go na le go mmolelela ka tlhamalalo gore o dirile boleo jo bo masisi? Pego eno e ka re thusa jang gore re nne barutisi ba ba molemo? [May 18, w12 2/15 ts. 24 ser. 2-3]
Ke eng fa Abesalome a ile a kgona go tsietsa Baiseraele, mme re ka itshireletsa jang mo go “bo-Abesalome” ba gompieno? (2 Sam. 15:6) [May 25, w12 7/15 ts. 13 ser. 7]
Jehofa o ne a tlamela Dafide jang fa a ne a tlhoka, mme re ka ithuta eng mo go seno? (2 Sam. 17:27-29) [June 1, w08 9/15 ts. 6 ser. 15-16]
Sekao sa ga Dafide sa go dirisana le motswakwa yo o bidiwang Itai se ka re solegela molemo jang? (2 Sam. 18:2) [June 1, w09 5/15 ts. 27 ser. 7]
Batho ba ba godileng mo phuthegong ba ka solegelwa molemo jang ke sekao sa ga Barisilai? (2 Sam. 19:33-35) [June 8, w07 7/15 ts. 15 ser. 1-2]
Se Dafide a se buileng ka boikanyegi se tlhomamisetsa batlhanka ba ga Jehofa eng gompieno? (2 Sam. 22:26) [June 15, w10 6/1 ts. 26 ser. 6-7]
Nathane o ne a ikanyega jang mo Modimong, mme re ka dira jang gore re nne le nonofo eno? (1 Dikg. 1:11-14) [June 22, w12 2/15 ts. 25 ser. 1, 4-5]
Ke mo maemong afe motlhanka wa Modimo a ka dirang diipato tsa go tlola taelo ya Modimo jaaka Solomone a dirile? (1 Dikg. 3:1) [June 29, w11 12/15 ts. 10 ser. 12-14]