Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Rerela Motho yo o Buang Puo e Sele
Lebaka La go Bo go Le Botlhokwa: Jehofa o batla gore batho “mo setšhabeng sengwe le sengwe” ba atamalane le ene. (Dit. 10:34, 35) Ka jalo, Jesu o ne a re dikgang tse di molemo di tshwanetse go rerwa “mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni” le “mo ditšhabeng tsotlhe.” (Math. 24:14) Sekarea o ne a bolelela pele gore batho “ba ba tswang mo dipuong tsotlhe tsa ditšhaba” ba ne ba tla reetsa molaetsa. (Seka. 8:23) Mo ponatshegelong ya ga moaposetoloi Johane, batho ba ba falolang pitlagano e kgolo e tla nna batho ba ba ‘tswang mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme [dipuo, ntlha e e kwa tlase mo NW].’ (Tshen. 7:9, 13, 14) Re akantse ka seno, re tshwanetse go leka go rerela motho ope fela yo o buang puo e sele yo re kopanang le ene mo tshimong ya rona.
Leka Seno mo Kgweding Eno:
Mo maitseboeng a a latelang a Kobamelo ya Lelapa, ikatisetseng go rerela motho yo o buang puo e sele.