Dikitsiso
◼ Kgatiso e e tsamaisiwang ka Moranang: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Motsheganong le Seetebosigo: Totatota Baebele e Ruta Eng? kgotsa A o Ka Rata go Itse Boammaaruri?
◼ Segopotso se tla tshwarwa ka Labotlhano, Moranang 3, 2015. Fa e le gore dipokano tsa lona di tshwarwa ka Labotlhano, di tshwanetse go tshwarwa ka letsatsi le lengwe mo bekeng fa Holo ya lona ya Bogosi e sa dirisiwe. Fa go sa kgonege gore Pokano ya Tirelo e tshwarwe, morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane a ka dira diphetogo mo thulaganyong, gore dipuo dingwe tse di amang phuthego ya lona di neelwe mo pokanong e nngwe mo kgweding.
◼ Re itumelela go lo itsise gore go neetswe Diholo Tsa Bogosi tse disha di le tlhano. Eastern Cape: Sweet Valley. Gauteng: Honeydew, Woodhill. Limpopo: Makhuva. Swaziland: Timbutini.