Dirisa Bukana ya “Se se Mo Lefokong la Modimo” —Go Simolola Motlotlo
1. Re na le sedirisiwa sefe se sesha se se ka re thusang mo bodireding?
1 Baebele e e tlhabolotsweng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e na le karolo e e kwa tshimologong e e bidiwang “Se se Mo Lefokong la Modimo.” Tshedimosetso eo e ka bonwa mo bukaneng e e golotsweng kwa kopanong ya tikologo ya “Nnang lo Batle Pele Bogosi Jwa Modimo.” Re ka dirisa sedirisiwa seno jang fa re baakanyetsa se re tla se buang kwa tshimong? E re ka e na le ditemana di le mmalwa tse di tlhalosang ditlhogo tse di farologaneng tsa Baebele jaaka buka ya Go Fetolana, e ka re thusa go simolola motlotlo.
2. Re ka dirisa jang bukana ya “Se se Mo Lefokong la Modimo” mo bodireding?
2 O ka dirisa potso 8 o bo o re: “Re etela baagelani ba rona ka bokhutshwane ka gonne batho ba bantsi ba ipotsa gore, ‘A Modimo ke ene a dirang gore batho ba boge?’ [Mo ditshimong tse dingwe go molemo go bontsha mong wa ntlo potso eno.] O akanyang? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e araba potso eno ka tsela e e kgotsofatsang.” Bala temana e le nngwe kgotsa di le mmalwa ka tlhamalalo mo Baebeleng lo bo lo tlotla ka tsone. Fa mong wa ntlo a bontsha kgatlhego, o ka mmontsha dipotso tse 20 tse di kwa tshimologong o bo o mo kopa go tlhopha e le nngwe e lo ka tlotlang ka yone mo nakong e e tlang. Kgotsa o ka mo naya nngwe ya dikgatiso tse re tshwarang dithuto ka tsone e e tlhalosang mo go oketsegileng ka se lo sa tswang go tlotla ka sone.
3. Re ka dirisa jang bukana ya “Se se Mo Lefokong la Modimo” go simolola metlotlo mo ditshimong tsa batho ba ba tsenang dikereke tse e seng tsa Bokeresete?
3 Re ka dirisa potso 4 le 13 go ya go 17 fa re rera mo ditshimong tsa batho ba ba tsenang dikereke tse e seng tsa Bokeresete. Ka sekai, o ka nna wa dirisa tshedimosetso ya potso 17 o bo o re: “Re etela malapa ka bokhutshwane. A o a dumela gore malapa a lebana le dikgwetlho tse dintsi gompieno? [Mo letle gore a arabe.] Banyalani ba bantsi ba bone mafoko ano a thusa: ‘Mosadi o tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.’ [Ga o tlhoke go bua gore mafoko ano a tswa mo go Baefeso 5:33. Fa o bua le mosadi, o ka bua mafoko a a mo go Baefeso 5:28.] A o akanya gore go dirisa kgakololo eo go ka thusa mo lenyalong?”
4. O ka dira eng kwa bowelong jwa motlotlo wa lona le motho yo o sa tseneng kereke ya Bokeresete?
4 Kwa bowelong jwa motlotlo wa lona, dira dithulaganyo tsa gore o tle go tsweletsa motlotlo ka nako e nngwe. Gongwe o ka rulaganya gore o tlotle ka temana e nngwe mo ditemaneng tse di mo potsong e o e dirisitseng. Ka nako e e tshwanetseng, bolelela mong wa ntlo gore dilo tse di molemo tse o ntseng o di tlotla le ene di tswa mo Baebeleng. Go ikaegile ka gore lo tlotlile ka eng le gore o ikutlwa jang ka Baebele, mo neye kgatiso e o akanyang gore e tla mo kgatlha.—Bona tsenyeletso e e mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya December 2013.