Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Simolola go Isetsa Batho Dimakasine ka Metlha
Lebaka La go Bo go Le Botlhokwa: Batho ba bantsi ba ba itumelelang go bala dimakasine tsa rona ga ba batle go ithuta Baebele le rona. Gongwe ba rata bodumedi jwa bone kgotsa ba tsaya gore ga ba na nako ya go ithuta. Le fa go ntse jalo, fa ba ntse ba bala dimakasine tsa rona ba ka eletsa go ithuta Lefoko la Modimo. (1 Pet. 2:2) Setlhogo sengwe se ka ba ama dipelo kgotsa maemo a bone a ka fetoga. Fa re nna re ba etela ka metlha, seo se tla dira gore ba gololesege go bua le rona e bile se tla re thusa go lemoga se ba se kgatlhegelang le se se ba tshwenyang. Re ka feleletsa re ithuta Baebele le bone.
Leka Seno mo Kgweding Eno:
Dira lenaane la batho ba o ka ba isetsang dimakasine ka metlha. Ba neye dimakasine tsa bosheng o bo o ba bolelela gore o tla ba tlisetsa tsa kgwedi e e latelang.