LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/14 ts. 2-3
  • Go Tshwara Dithuto Tsa Baebele ka Tsela e e Molemo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tshwara Dithuto Tsa Baebele ka Tsela e e Molemo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thusa Batho ba o Ithutang Baebele le Bone Gore ba Kolobediwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Thusa Batho ba o Ithutang le Bone Gore ba Kolobediwe—Karolo ya Bobedi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Ela Tlhoko ‘Botswerere Jwa Gago Jwa go Ruta’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Thusa Batho ba o Ithutang le Bone Gore ba Kolobediwe—Karolo ya Ntlha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
km 12/14 ts. 2-3

Go Tshwara Dithuto Tsa Baebele ka Tsela e e Molemo

1. Baboledi ba ba tshwarang dithuto tsa Baebele ba na le boikarabelo bofe?

1 Ga go ope yo o ka direlang Modimo fa Jehofa a sa “mo goge.” (Joh. 6:44) Le fa go ntse jalo, baboledi ba tshwanetse go tshwara dithuto tsa Baebele ka tsela e e tla thusang batho go atamalana le Rraabone yo o kwa legodimong. (Jak. 4:8) Seno se tlhoka gore ba baakanyetse. Fa re batla go thusa batho ba re ithutang le bone go tlhaloganya molaetsa le gore ba gatele pele, ga re a tshwanela go bala dirapa le go botsa dipotso fela.

2. Thuto e e molemo ya Baebele e ka thusa moithuti jang?

2 Gore baboledi ba tshware dithuto tsa Baebele ka tsela e e molemo, ba tshwanetse go thusa batho ba ba ithutang le bone (1) go tlhaloganya se Baebele e se rutang, (2) go amogela se Baebele e se rutang le (3) go dira se Baebele e se rutang. (Joh. 3:16; 17:3; Jak. 2:26) Go ka tsaya dikgwedi go thusa motho go dira dilo tseno. Le fa go ntse jalo, sengwe le sengwe sa dilo tseno se ka mo thusa go nna le kamano e e molemo le Jehofa le go ineela mo go ene.

3. Ke eng fa barutisi ba ba rutang ka tsela e e molemo ba botsa dipotso tse di fatang maikutlo?

3 Moithuti o Akanya Eng?: Gore o lemoge gore moithuti o tlhaloganya se a se ithutang e bile o a se amogela, tila go bua thata mme mo kgothaletse gore a itlhalose. (Jak. 1:19) A o tlhaloganya se Baebele e se rutang ka kgang e lo tlotlang ka yone? A a ka tlhalosa kgang eo ka mafoko a gagwe? O ikutlwa jang ka se a se ithutileng? A o dumela gore se Baebele e se rutang se a utlwala? (1 Bathes. 2:13) A o tlhaloganya gore se a se ithutang se tshwanetse go fetola tsela e a tshelang ka yone? (Bakol. 3:10) Gore re bone dikarabo tsa dipotso tseno, re tshwanetse go botsa dipotso tse di fatang maikutlo, go tswa foo re reetse.—Math. 16:13-16.

4. Re tshwanetse go dirang fa moithuti a thatafalelwa ke go tlhaloganya kgotsa go dirisa se a se ithutang mo Baebeleng?

4 Gantsi mekgwa le dikgopolo dingwe di nweleletse thata e bile go ka tsaya nako gore batho ba di tlogele. (2 Bakor. 10:5) Go tweng fa motho yo re ithutang le ene a sa amogele kgotsa a sa dirise se a se ithutang? Re tshwanetse go nna pelotelele fa re ntse re letile gore Lefoko la Modimo le moya o o boitshepo di tlhotlheletse moithuti. (1 Bakor. 3:6, 7; Baheb. 4:12) Go na le go mo pateletsa go dira diphetogo, gantsi go molemo go fetela mo dintlheng tse dingwe fa e le gore moithuti o thatafalelwa ke go tlhaloganya sengwe kgotsa go dirisa se a se ithutang mo Baebeleng. Fa ka lorato le bopelotelele re tswelela re mo ruta se se mo Baebeleng, a ka nna a tlhotlheletsega go dira diphetogo tse di tlhokegang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela