Dintlhakgolo Tsa Tirelo ya Tshimo
Motsheganong e nnile kgwedi e e tlhomologileng kwa Namibia ka gonne baboledi ba le 2 237 e leng koketsego ya diperesente di le 11, ba ile ba bega tirelo ya bone ya tshimo! E re ka go tshwarwa dithuto tsa Baebele di le 4 651 fela, go na le tlhokego mo nageng eno e kgolo e baagi ba yone ba buang dipuo tse dintsi. Ka jalo, fa o tsholetswe kwa Namibia kgotsa o ka kgona go rulaganya dilo gore o fudugele teng, re go kgothaletsa gore o dire jalo!—Ditiro 16:9.