Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka Diphalane 27, 2014.
Ke eng fa Baiseraele ba ile ba ngongoregela Modimo le Moshe jaaka go kwadilwe mo go Dipalo 21:5, mme pego eno e re tlhagisa jang? [Lwet. 1, w99 8/15 ts. 26-27]
Ke ka ntlha yang fa bogale jwa ga Jehofa bo ne jwa tukela Balaame? (Dipa. 22:20-22) [Lwet. 8, w04 8/1 ts. 27 ser. 2]
Dipalo 25:11 e re bontsha boikutlo bofe jo Finease a neng a na le jone, mme re ka mo etsa jang? [Lwet. 8, w04 8/1 ts. 27 ser. 4]
Moshe o re tlhometse sekao se se molemo sa boikokobetso ka ditsela dife? (Dipa. 27:5, 15-18) [Lwet. 15, w13 2/1 ts. 5]
Joshua le Kalebe ba bontshitse jang gore batho ba ba sa itekanelang ba ka kgona go tsamaya ka ditsela tsa Modimo le fa ba ganediwa? (Dipa. 32:12) [Lwet. 22, w93 11/15 ts. 14 ser. 13]
Go nna kutlo ga bomorwadia Selofehade go ka thusa Mokeresete yo o seng mo lenyalong jang gore a lebe lenyalo ka tsela e e siameng? (Dipa. 36:10-12) [Lwet. 29, w08 2/15 ts. 4-5 ser. 10]
Puo e e sa siamang le go ngongorega ga Baiseraele go ne ga nna le diphelelo dife, mme re ka ithuta thuto efe mo pegong eno? (Dute. 1:26-28, 34, 35) [Dip. 6, w13 8/15 ts. 11 ser. 7]
Baiseraele ba ne ba tshwanetse go diragatsa maikarabelo afe a mabedi gore Jehofa a ba segofatse le gore ba atlege kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng? (Dute. 4:9) [Dip. 13, w06 6/1 ts. 29 ser. 15]
Ke ka tsela efe diaparo tsa Baiseraele di neng di sa onale le dinao tsa bone di sa ruruge fa ba ne ba le mo mosepeleng kwa nageng? (Dute. 8:3, 4) [Dip. 20, w04 9/15 ts. 26 ser. 1]
Re ka dirisa jang kgakololo e e neng ya newa Baiseraele ya gore ba “ngaparele” Jehofa? (Dute. 13:4, 6-9) [Dip. 27, w02 10/15 ts. 16 ser. 14]