Dikitsiso
◼ Kgatiso e e tsamaisiwang ka Phatwe: Letsholo le le kgethegileng la go anamisa pampitshana e e itsiseng ka Web site ya jw.org. Lwetse le Diphalane: Makasine wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang! Ngwanatsele le Sedimonthole: Totatota Baebele e Ruta Eng? kgotsa dipampitshana tse di ka tswang di le teng mo setokong sa phuthego. Diphuthego tse di nang le dipampitshana tsa bogologolo di tshwanetse go leka ka natla go di tsamaisa mme di se ka tsa di boloka mo setokong.
◼ Re itumelela go lo itsise ka Diholo Tsa Bogosi tse disha di le nnè tse di neetsweng. Eastern Cape: Upper Qunu. Mpumalanga: Okkernootboom. North West: Motsoseng South le Radithuso.
◼ Thulaganyo ya dikopano ya beke e e tlang pele ga kopano ya lona ya tikologo e ka nna ya fetolwa go boeletsa kaelo le dikgakololo tse go tlotlilweng ka tsone ka beke ya Moranang 21. Kgwedi e le nngwe kgotsa tse pedi morago ga kopano ya lona, go ka nna ga dirisiwa puo ya dilo tse phuthego e tlhokang go di ela tlhoko go boeletsa dintlha tsa kopano tse baboledi ba fitlhetseng di ka nna mosola mo bodireding.