Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka Motsheganong le Seetebosigo: Totatota Baebele e Ruta Eng? kgotsa nngwe ya dipampitshana tse di latelang: O Leba Baebele Jang?, O Leba Isagwe Jang?, Ke Eng se se Dirang Gore Botshelo Jwa Lelapa bo Itumedise?, Ke Mang Tota yo o Laolang Lefatshe?, kgotsa A Pogo e Tla Fela? Phukwi le Phatwe: Tsamaisa boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! kgotsa boroutšhara bope fela jo bo tsamaisiwang mo tshimong jo bo ka tswang bo le teng mo setokong sa phuthego.
◼ Diphuthego tse di latelang di ne tsa itumelela go neelwa ga Diholo Tsa Bogosi tsa tsone tse disha. Limpopo: Mariveni. North West: Mafikeng Central.